LEFAPHA LA TEMOTHUO
TOGAMAANO
YA
TEMOTHUO YA
AFORIKA BORWA
E gatisitswe le go phasaladiwa ke Lefapha la Temothuo.
Bokaedi jwa Ditirelo tsa Tshedimosetso ya Temothuo.
ISBN 1 - 86871 - 115 - 3
Diteng
Lenanefoko 4
Ketapele 5
Polelo ya maikemisetso 8
Matseno 14
Pono ya temo ya Aforika Borwa 16
Bonnete jwa ga jaana jwa temothuo ya mo Aforika Borwa 18
Dikgwetlho tsa Lephata 20
Ditogamaano tsa botlhokwa 22
Phitlhelelo e e lekanang le togamaano ya botsayakarolo 22 5.2 Bogaisani jwa bogotlhe le go boelwa 27
Tsamaiso ya motswedi o o tsweletsang 34
Ditogamaano tse di tlaleletsang 35 6.1 Bothati bo bo siameng 36
Tsweletso ya magae e e lotaneng e e tsweletsang 38
Kitso le botsweretshi 39
Tirisanommogo ya boditšhabatšhaba 41
Pabalesego le Tshireletso 42
Go diragatsa togamaano 43
Lenanefoko
ABC Mokgatlho wa Kgwebo ya Temothuo
AGIS Tsela ya Tshedimosetso ya Thutalefatshe ya Temothuo
AgriSA Temothuo ya Aforika Borwa
ARC Khansele ya Patlisiso ya Temothuo
BEE Maatlafatso ya Ekonomi ya Bantsho
DTI Lefapha la Kgwebo le Madirelo
IDP Leano le le Lotanang la Tsweletso
ISRDS Leano la Tsweletso ya Magae le le Tsweletsang le le Lotaneng
LRAD Lefatshe le Kabogape ya Lenaneo la Tsweletso ya Temothuo
MEC Maloko a Khuduthamaga
MinMec Khansele ya Ditona tsa Temothuo
NAFU Kopano ya Balemi ya Bosetšhaba ya Aforika
NAMC Khansele ya Balemi ya Bosetšhaba ya go Bapatsa
NDA Lefapha la Bosetšhaba la Temothuo
NGO Mokgatlho o e seng wa Mmuso
OIE Mokgatlho wa Boditšhabatšhaba wa Boitekanelo jwa Diphologolo
PDA Lefapha la Porofense la Temothuo
R&D Patlisiso le Tsweletso
SADC Baagi ba ba Tlhabologang ba Aforika Borwa
SARS Tirelo ya Lotseno ya Aforika Borwa
SAPS Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa
SANDF Sesole sa Bosetšhaba sa Tshireletso sa Aforika Borwa
USA Dinaga tse di Kopaneng tsa Amerika
USAID Boemedi jwa Dinaga tse di Kopaneng jwa Tsweletso ya Boditšhabatšhaba
WTO Mokgatlho wa Kgwebo wa Lefatshe
E fetogetse go: NEPAD - Kgwebisano e ntšhwa ya Tsweletso ya Aforika
Ketapele ka Mme Thoko Didiza, Leloko la Palamente le Tona ya Temothuo le Merero ya Mafatshe
Togamaano ya lephata la temothuo ke ya botlhokwa thata gonne ke kumo ya mmuso le madirelo. Ke rata ka jalo go tlhagisa ditebogo tse di tseneletseng tsa me le go leboga Moporesidente, Rre Thabo Mbeki, ka boeteledipele jwa gagwe fa a ne a laletsa baemedi ba madirelo a Agri-SA le Mokgatlho wa Bosetšhaba wa Balemerui ba Aforika (NAFU) go kopana le mmuso mo go thaleng letlhakore le le tshwanang la temothuo le mo go lona mmuso le madirelo ba tla tlamelelang matsapa a bona le metswedi mo tiragatsong ya lona.
Bokao jwa kgwebisano e ke gore mmuso le madirelo jaanong ba amogana ponalo mo mererong ya togamaano ya lephata; ba ka aga kgwebisani go tswa letlhomesong le le tshwanang; ba ya go amogana morwalo wa maatlafatso ya ikonomi ya bantsho le go godisa lotseno lwa madirelo a temothuo ka nako e le nngwe; mme go tloga jaanong go ya pele ba na le melaetsa e megolo e e tshwanang go isa kwa setšhabeng, kwa lephateng, kwa nageng, kontinenteng ya Aforika le lefatshe.
Pono ya lephata la temothuo le le kopaneng, le le se nang bomorafe le le atlegileng e ikaegile mo togamaanong ya maikaelelo a le mararo a phitlhelelo le botsayakarolo, go gaisana, go bona poelo le tsamaiso ya motswedi o o tswelelang. Seno ke pono ya lobaka lo lo leele e e tla latelwang thata mo ngwagakgolong o go tlisa taolelo ya temothuo e ntšha e e farologaneng e e kwa godimo go tswa mo go e e leng teng jaanong.
Lephata le leša le le solofetsweng le tla bo le itshiamiseditse go tshameka karolo ya lona ya tiragalo ya go tlamela dijo le dikumo tsa temothuo le ditirelo kwa nageng ya rona, kontinente le lefatshe. Go fitlha fa, Lefapha la Temothuo le lemogile dikgato tse di tshisintsweng tse mmuso o solofetsweng go di dira, mme o kopantse ba ba amegang mo togamaanong ya dingwaga tse tharo tse di tlang. Lefapha le tsenya gape go ya pele dikgato tse di tshisintsweng mo thulaganyong ya tiro e e amoganwang ke maloko ya ngwaga go tloga 2002 go ya pele.
Kwa maemong a tirisanommogo-gare mo lefapheng, Lefapha le akareditse mme le tla tswelela go akaretsa Mafapha a diporofense a Temothuo le a baikemedi ba temothuo mo setšhabeng, go tsaya togamaano ya lephata jaaka letlhomeso la pholisi mo go rulaganyeng nngwe le nngwe ya togamaano le dithulaganyetso tiro tsa maloko a setlhopha.
Kwa maemong a mmuso wa bosetšhaba, Lefapha le tsentse togamaano ya lephata mo lenanetemeng la Mokgwa wa Segopa sa Kabinete go bona tshegetso go tswa mafapheng a mangwe go kgona go diragatsa leano ka bokgoni. Lefapha le tla batla tshegetso ya Kabinete le go tsenya dikgato tse di tshisintsweng mo Letlhomesong la Togamaano la Mmuso la Nako ya Magareng go akarediwa mo Letlhomesong la Tshenyegelo la Nako ya Magareng.
Go sale jalo, Mmuso o lebisisa gape tekanyetso ya ona go ya ka matlole a a bonweng go tlhaeletsa leano la togamaano ya lephata mo nageng, go tsenngwa Palamente, diporofense, mebuso ya selegae, diintaseteri tsa temothuo le mekgatlho ya baagi. Go fitlha fa, Lefapha le tla ikaega mo balekaneng ba lona go tsaya karolo le go etelela pele mo mafelong a bona.
Ke rata go leboga Moporesidente wa Agri SA, Rre Japie Grobler le Moporesidente Rre Peter Ramotla wa Mokgatlho wa Bosetšhaba wa Balemi wa Aforika, yo kwa ntle ga gagwe konotelo ya asaenemente e ya kwa Moporesidenteng e ka bong e sa kgonega. Ba ne ba tlamela batlhankedi ba bona go kopana le bale ba Lefapha go bopa Setlhopha sa Tiro go dira tiro. Ba ne gape ba rebola Mokaedi wa Tsamaiso wa Agri-SA Rre Jack Raath le Mokaedi wa Tsamaiso NAFU, Rre Mocks Mothabela go golagana le Mokaedi Kakaretso, Mme Bongiwe Njobe go tlhokomela ditiro tsa Setlhopha sa Tiro.
Ke eletsa gape go leboga Motlatsa Tona, Mmueledi Dirk du Toit, Tona ya Temothuo, Mokaedi Kakaretso, Mme Bongiwe Njobe le Ditlhogo tsa Porofense tsa Temothuo mmogo le batlhankedi ba bangwe ba bagolo ba mmuso go tshegetsa tirego e ya leano la lephata.
Maiteko a a ka bo a sa atlega kwa ntle ga ditshwaelo tse di agang tsa moeteledipele wa temothuo e e rulaganeng mo Aforika Borwa. Tsona di akaretsa Moporesidente, Rre Japie Grobler, Mokaedi wa Tsamaiso, Rre Jack Raath le baeteledipele ba Agri SA, Moporesidente, Rre Ramotla, Rre Teddy Matsetela le baeteledipele ba NAFU.
Go dira ka fa gare ga Setlhopha sa Tiro ke nnete e ne e le maitemogelo a a humisang go mongwe le mongwe wa maloko a a latelang:
Ke atolosa gape ditebogo tsa me kwa go Moporofesara Johann Kirsten wa Yunibesithi ya Pretoria ka go tlhagisa dikwalo tse di latelanang tsa tokomane e, go tloga dintlheng tse di rerisanweng le ditaelo tsa Setlhopha sa Tiro. Kumako e e kgethegileng le bouto ya ditebogo di ya go Ina Goosen ka go rulaganya dikopano le go rulaganya diyamaleng, le Simon Malepeng go tsaya dintlha.
Ditebogo tsa bofelo di ya go Kemedi ya Dinaga tse di Kopaneng tsa Tsweletso ya Boditšhabatšhaba (USAID) ka boingotlo go tshegetsa maiteko a ka matlotlo.
Polelo ya Maikemisetso
Temothuo, e e tsenyeletsang ditiro tsotlhe tsa ikonomi go tloga tlamelong ya ditshwaelo tsa temothuo, bolemerui le go oketsa boleng, di sala go nna lephata la botlhokwa mo ikonoming ya Aforika Borwa go sa kgathalesege kabo ya tlhamalalo e nnye ya teng ya bogotlhe jwa kumo ya selegae (GDP).
Temothuo e tlamela dijo le faeba go fitlhelela ditlhokego tse pedi tsa botlhokwa. E kgonne ka katlego go fitlhelela ditlhokego tse, ka go oketsa tlhagiso kumo fa batho ba naga e ba ne ba le dimilione tse 4 fela mo tshokologong ya ngwagakgolo wa somaamabedi go ya go milione wa somaamane. Badiri ba dipolase, balemirui le malapa a bona gape ba tsaya karolo mo ikonoming fa ba dirisa megolo le meputso mo dithotong tsa modirisi le ditirelo, kana fa ba reka metšhini go tlhagisa mo setlheng se se latelang. Ka tsela e temothuo e nna mokwatla wa kgolo le tsweletso. Tlhotlheletso ya yona mo ikonoming e bontshitswe ka merwalela ya fa gautshwane e e sentseng dikarolo tsa diporofense tsa Bokone le Mpumalanga ka Tlhakole 2000, fa kelo ya kgolo ya naga e ya fatshe ka 1 %.
Temothuo e kgolo e ikarabelela 4,5 % ya GDP ya Aforika Borwa fa boleng jo bogolo jwa dijo tsa temothuo bo ikarabelela kwa 9 % e nngwe. Go na le balemirui ba bogwebi ba bagolo ba ba ka nnang 50000 ba segolo mme e seng fela, ba tserwe go tswa bathong ba basweu. Ka 2000 ba ne ba romela ntle bokana ka dibilione tse R16 tsa dikumo, kana go atamela 10 % ya diromelwa ntle tsotlhe tsa Aforika Borwa. Ba thapile bokana ka badiri ba le milione o le mongwe, kana bokana ka 11 % ya thapo e e feletseng e e rulagantsweng ya Aforika Borwa. Bontsi jwa badiri ba dipolase ba nna mo dipolaseng tsa bogwebi mme bana ba bona ba amogela thuto mo dikolong tsa dipolase. Dipolase tsa bogwebi ka jalo di tlamela botshelo le dintlo go maloko a lelapa a a ka nnang dimilione tse 6 e leng bathapiwa ba le milione o le mongwe le go tlamelela thuto ya bona.
Go na le gape balemirui ba bannye ba le 240 000 ba ba tlamelelang matshelo go maloko a lelapa a bona a a fetang milione o le mongwe le thapo ya sewelo go batho ba bangwe ba le 500 000. Ba tlamela dimmaraka tsa selegae le tsa kgaolo koo palo e kgolo ya barekisi ba ba sa kwadisiwang ba itirelang botshelo. Go feta foo, go na le tekanyetso ya balemirui ba dimilione tse tharo, segolo mo mafelong a tlhakanelo a dinaga magae tsa maloba, ba ba tlhagisang dijo segolo go fitlhelela ditlhokego tsa malapa a bona.
Kwa bofelong, ditiro tsa dikumo le loago tsa ditoropo tsa magae le mafelo a ditirelo di ikaegile ka tshegetso ya bona kwa temothuong e kgolo le ditiro tse di amegang, jaaka bojanala jwa temothuto le thuo ya diphologolo. Go feta halofo ya diporofense le bokana ka 40 % jwa bogotlhe jwa batho ba naga ka jalo di ikaegile segolo mo temothuong le madirelong a a amegang.
Ka ntlha ya seabe se se masisi sa lephata le le sephara la temothuo, Moporesidente Thabo Mbeki o e tsere go le botlhokwa go nna le dikopano tsa ka gale le setlhopha se se dirang go tswa temothuong e e rulaganeng go tlhomamisa ditlhokego tsa lephata le maemo malebana le merero ya bosetšhaba. Mo nakong nngwe kwa dikopanong tse ka Mopitlwe 2001 Moporesidente o ne a itsesiwe gore lephata le tshwentswe ke dilo tse dintsi mo pholising le maparego a ditheo a a di thibelang mo go direng ka botlalo mme ka jalo di nne le seabe sentle kwa maikaelelong a bosetšhaba a kgolo, bogaisani le tekano. Moporesidente o ne a kopa batsayakarolo ba ba farologaneng go lemoga leano la maitemogelo a a tla tlamelang tebo e e lekaneng go kopanya le go godisa lephata. O ne a re pono e e amoganwang e, e tshwanetse go nna le maikaelelo, dipholisi le dikgato tse di ka isang kwa kgolong le tsweletso ya nnete ya batsayakarolo botlhe mo lephateng.
Tokomane e, e tlhagisa thulaganyo ya togamaano ya lephata la temothuo la Aforika Borwa le go tsaya karolo mo go nneng le go nna sentle ga MaAforika Borwa. E ne ya kwalwa mo tiregong ya ditherisano ka tlhatlhamano e e sephara ya bannaleseabe ka bagwebisani ba thulaganyo e kgolo, e bong Mokgatlho wa Bosetšhaba wa Balemirui wa Aforika, Agri SA le Lefapha la Temothuo. Thulaganyo ya togamaano ya lephata e na le tse di latelang jaaka maikaelelo a teng:
Go tlhola pono e e tshwanang ya bannaleseabe ba bagolo.
Go rulaganya le go diragatsa letlhomeso la togamaano go kaela pholisi le tiragatso mo isagong.
Go lebelela merero e e nyatsang go nna le tshepo ga mmeletsi le go aga botoka go tlhaloganya le dikamano tsa loago tse dintle.
Go tlhotlhomisa phitlhelelo e e oketsegileng le botsayakarolo mo lephateng ka ditirego tsa maatlafatso tse di rulagantsweng le mananeo.
Go kopanya, go amogana o dirisa botoka metswedi le ditshiamelo magareng ga bagwebisani.
Go godisa kgaisano ka bogotlhe, kgolo le poelo mo lephateng go gogela dipeeletso tse di ša.
Go tlhomamisa tsweletso e e tswelelang.
Go aga kgwebisano e e sa feleng magareng ga batho, poraefete le bannaleseabe ba baagi le Mekgatlho e e seng ya Mmuso.
Pono ya lephata la temothuo ke:
Lephata la temothuto le le kopaneng le le atlegang
Pono e kaya botsayakarolo bo bo tswelelang bo bo nang le dipoelo mo ikonoming ya temothuo ya Aforika Borwa ka bannaleseabe botlhe, go lemogiwa tlhokego go tshola le go oketsa tlhagiso ya kgwebisano, go aga bogaisani jwa boditšhabatšhaba le go lebelela boswa jwa ditiragalo le ditlhotlheletso tse di isitseng mo phitlhelelong e e sokameng le kemedi.
Mo tshegetsong ya pono ya temothuo, tebo ya tsepamo ya togamaano e tla nna mo maikaelelong a togamaano:
Go tlhagisa phitlhelelo e e siameng le botsayakarolo mo lephateng la temothuo e e gaisanang ka bogotlhe, ya dipoelo e e tswelelang e e tsayang karolo mo botshelong bo bo botoka jwa botlhe."
Pono e neela setshwantsho se se bonalang sentle sa koo temothuo ya Aforika Borwa e ratang go nna teng mo nakong e telele. Sekgoreletsi segolo kwa tiragatsong e e atlegileng ya togamaano e ke bokgoni jo bogolo bo bo sa lemogiwang bo bo letseng mo bathong ba teng le metswedi ya matheriale, poelo e e kwa tlase le bogaisani bo bo kgoreletsang botsayakarolo jwa batho ba dipolotiki tsotlhe ka botlalo le bogotlhe jwa ikonomi. Bothata jo bo itshenotse mo palong ya ditlaleletsa mathata - mangwe le mangwe ka dikgwetlho tsa ona.
BOGAISANI BO BO TLAMILWENG LE GO BOELWA GO GO KWA TLASE
Matshwao ke a gore lephata la temothuo la Aforika Borwa le ikarabela sentle mo kgwetlhong ya bogaisani bo bo oketsegileng. Le gale, go na gape le bopaki jwa gore maphata a tlaleletso a temothuo le ditiro tse di oketsang boleng ga di gaisane mo mmarakeng wa selegae le wa boditšhabatšhaba. Seno se na le dibakwa tse di farologaneng, go akarediwa ditshenyegelo tse di tsenngwang tse di kwa godimo tse di kopaneng le tlhagiso kumo e e kwa tlase, ditogamaano tsa kgwebo tse di bokoa le tlhokego ya bokgoni, ditiro tsa kgwebo tse di sa siamang ka bagaisani le rona, jj. Tlhokego ya bogaisani jwa bditšhabatšhaba le yona e isa kwa poelong e e kwa tlase le dikamogelo tsa tlwaelo tse di kwa tlase mo lephateng, e gape e rweleng maikarabelo a peeletso mo madirelong a a rileng. Seno gongwe ke kgwetlho e kgolo e e tlhokang go lebelelwa go baya temothuo mo tseleng ya kgolo e e kwa godimo e e akantsweng.
BOTSAYAKAROLO BO BO SOKAMENG
Ka ntlha ya ditlamorago tsa tlhotlhololo le kgethololo mo temothuong ya Aforika Borwa, kgwetlho jaanong ke go tokafatsa botsayakarolo mo dikarolong tsotlhe tsa lephata le go e tlosa ka gangwe le ka maparego otlhe a go tsena a mantsi a a ikepetseng mo ditiragalong tsa bobedi jwa tsona. Kgwetlho segolo ke go lemoga mananeo a a tla rotloetsang ba ba tsenang ba bašwa - bantsho le basweu; bašwa le bagolo; banna le basadi; kgwebong ya sekale se se nnye le se se fa gare go tsenela lephata. Go botlhokwa go bona ditsela go tlhomamisa gore dikarolo tsotlhe tse, tse di farologaneng tsa lephata mo nneteng di ikutlwa le go ipona e le tsa karolo ya bongwe.
BOTSHEPEGI JWA MMELETSI JO BO KWA TLASE MO TEMOTHUONG.
Botshepegi jo bo bokoa jwa mmeletsi mo temothuong bo bakilwe ke dipoelo tse di kwa tlase mmogo le mathata a a emeng le a a fa gare a ikonomi le loago a a nang le kamego mo peeletsong le tlhagiso jaaka leroborobo la dipolao tsa dipolase, go kobiwa le go nna go go seng ka fa molaong. Tshepo ya mmeletsi e a tlhokega go bona lephata la temothuo le le tsogileng le go gola.
TSHEGETSO E E SA LEKANANG, E E SA NONOFANG LE E E SA KGONENG LE MEKGWA YA TSAMAISO
Tlhaelo ya tsamaiso le tiragatso ya dikgato tse di atlhameng tse dintsi tsa mmuso, melawana le mananeo mmogo le ditsela tsa tshegetso tse di se nang bokgoni - tsotlhe tse di leng botlhokwa go tlhomamisa tikologo e e kgontshang ya temothuo - di bopa matshwenyego a magolo le kgwetlho kwa baemeding ba dinaga botlhe ba ba tshegetsang lephata la temothuo. Dintlha tse di nang le seabe mo mathateng a ke go nna dikabetla ga ditirelo tse di rileng, metswedi e e sa lekanang, taolelo e e bokoa le go ikarabelela mmogo le ditshwetso tsa khuduthamaga tse di bokoa le ka gantsi ditetelo tse di leele mo go tseyeng ditshwetso.
TSAMAISO E E BOKOA E E TSWELELANG YA METSWEDI YA TLHOLEGO
Lefatshe le le sa dirisiwang la bokgoni jo bo kwa godimo le jo bo fa gare ga le a lekana mo Aforika Borwa, mme go na le tekanyetso go ya katolosong ya thapamo ya tlhagiso ya temothuo. Mo tlaleletsong, dithulaganyetso le ditirelo go tshegetsa tiriso ya lefatshe e e tswelelang ga di a lekana. Mananeo a mmuso (k.g.r Tlhokomelo ya lefatshe le Go dira Ka Metsi) tse di ikaeletsweng kwa tshireletsong ya motheo wa motswedi di atlegile mme ga di a lekana. Tshenyo ya lefatshe e sala go nna bothata mo mafatsheng a a siameng a a sa lekanang. Ka kgatelelo e e oketsegileng mo temothuong go oketsa dikumo go ya ka yuniti ya lefatshe, ke kgwetlho e kgolo go tlhomamisa gore seno ga se diragale go ya ka tshenyo ya tshegetso ya motswedi wa tlholego.
Mo go lebaganeng le dikgwetlho le go fitlhelela pono, thulaganyo ya togamaano e tla nna le ditogamaano tse tharo tsa pinagare, e bong go:
Oketsa phitlhelelo ya tekano le botsayakarolo mo lephateng la temothuo.
Tokafatsa bogaisani jwa bogotlhe le poelo.
Tlhomamisa tsamaiso ya motswedi o o tswelelang.
Dielemente dingwe tsa ditogamaano tsa pinagare di a tlaleletsana mme di tla nna le seabe mo go tlholeng le go busetseng go itshepa mo temothuong. Ka se se mo monaganong, ditogamaano tse di latelang tsa botlhokwa tsa go tshegetsa le go kgontsha, tse di putlang go ya ditogamaanong tsa pinagare, di lemogilwe:
Taolo e e siameng.
Tsweletso e e kopaneng e bile e tswelela ya magae.
Kitso le dikakanyo tse di ša.
Tirisanommogo ya boditšhabatšhaba.
Pabalesego le tshireletso.
Maikaelelo a a tlaleletsanang togamaano a a botlhokwa gonne a tlamela motheo wa botlhokwa o kwa ntle ga ona maikemisetso a togamaano a temothuo e e gaisanang, e e akaretsang le go tswelela e ka se bonweng. Di gatelela gape go ikaega ga lephata mo tshegetsong ya setlhopha sa mafapha a mangwe a mmuso le madirelo.
Pono ya lephata la temothuo le le tshwaraganeng le atlegile le tlhoka balekane go nna le dithulaganyo tsa tiro, ditshupetsi tsa tiragatso tse dikgolo, maemo a tsamaiso ya tirelo, go tlhokomela le ditsela tsa go sekaseka le ditekanyetso tsa nako gore go fitlhelelwe maikaelelo a thulaganyo ya togamaano ya lephata, e tlhoka gape gore Mmuso o dire dilo ka go farologana - ka lebelo le legolo le potlako le mo kgwebisanong le balemirui, ba kgwebo ya temothuo, Mekgatlho e e seng ya Mmuso le mafapha a mangwe a mmuso.
Kgato ya dithulaganyo tse di tletseng tsa thulaganyo ya togamaano e di ya go tlhagisiwa ke botlhe ba balekane bao ba ba ikabetseng maikarabelo a tiragatso ya teng. Se se tlhalositsweng mo tokomaneng e ke letlhomeso la togamaano, mananeo a tlang pele, sethwe se se kopaneng sa tiragatso le ditlamelo tsa kgwebisano ya baagi - setšhaba - poraefete. Go fitlha fa, balekane ba ba eteletseng pele, e bong Lefapha la Temothuo, Agri SA le NAFU - di tla tlhoma komiti e e kopaneng ya leruri. Maiteko a tsweletse go akaretsa bodiri bo bo rulaganeng, Mekgatlho e e seng ya Mmuso, mekgatlho e e ikaegileng ka baagi le mekgatlho ya kwa ntle.
Jaaka kgato ya ntlha go isa thulaganyo ya togamaano gaufi le tiragatso, balekane ba togamaano ba ne ba lemoga mananeo a a tlang pele a a latelang le dikgato:
Go diragatsa togamaano ya tshireletso le pabalesego ya motheo o o bulegileng e e dirang sentle le kemo ya loago, e e tshepegang e ikanyega.
Go tsweletsa pono e e amoganwang ka temothuo, tsamaiso e e siameng le kgwebisano ya loago.
Tshalomorago e e bonako ya lenaneo la kabo ya lefatshe go tlhabolola temothuo le ditirego tsa maatlafatso ya ditlhopha tse di ikaeletsweng.
Go fetola patlisiso ya temothuo, go fetisa thekenoloji, thuto le katoloso go arabela dimmaraka thata.
Go tlhalosa gape bothati jwa mmaraka wa temothuo le kgwebo ya boditšhabatšhaba mo nakong ya boto ya maloba e e neng e laola kgatlhanong le kgaisano e kgolo ya bogotlhe le ditlhokego tsa phitlhelelo ya mmaraka kwa baleming botlhe le ba kgwebo.
Go tlhoma tsela ya ditirelo tsa ditšhelete e e tshwaraganeng ya mo gae e e tlhagisiwang ke Pegelo ya Khomišene ya Strauss.
Go aga ditšhelete tse di dumelesegang tsa dipalopalo tsa temothuo le tshekatsheko ya ikonomi tse di fitlhelegang kwa balemiruing botlhe le ba kgwebo.
Go tlhagisa tsela ya tsamaiso ya kotsi e e tshwaraganeng e e dirang ya ditsela tsa boitekanelo jwa dimela le diphologolo, ditsela tsa tlhotlhwa le lotseno le matlhotlhapelo a tlholego.
Go gaba peeletso mo tsweletsong ya malokololo a magae go tlamela matlhagatlhaga, dithulaganyetso, nosetso, motlakase, ditlhaeletsano tsa megala, tsa dipalangwa, katiso le tsweletso ya bokgoni.
Go tlhoma lenaneo la tirisanommogo la temothuo la Aforika go etelela pele Maiteko a Mašwa a Aforika mo temothuong.
Go isa tlase ditshenyegelo ka kakaretso tsa tlhagiso, go akarediwa phokotso go ya pele mo makgethong le dituedisong mo diseeleng(mafuraa) le ditlhagisiwa tse dingwe.
Mo go tsona tsotlhe tse seabe sa botlhokwa sa lephata la poraefete mo go fitlheleleng maikaelelo a botsayakarolo, bogaisani le tsweletso se a lemogiwa. Ka jalo sengwe le sengwe se tla dirwa go tlhomamisa go dira mmogo le go rulaganya magareng ga mmuso le lephata la poraefete - go tewa balemirui, mekgatlho ya balemirui le kgwebo temothuo - gore go fitlhelelwe pono e ntšha ya lephata le le tshwaraganeng le le humileng la temothuo.
Dpoelo tse di latelang di solofelwa go tswa tshalong morago e e atlegileng ya ditogamaano tsa maikemisetso a :
Tlholego ya khumo e e oketsegileng mo temothuong le mafelo a magae.
Thapo e e oketsegileng e e tswelelang mo temothuong.
Lotseno lo lo oketsegileng le dikamogelo tsa thefosano ya boditšhaba tse di oketsegileng.
Lehuma le le fokotsegileng le go sa lekaneng mo go nneng le lefatshe le maitshimololelo.
Nonofo ya temothuo e e tokafetseng.
Tshireletso ya dijo ya bosetšhaba le magae tse di tokafetseng.
Baagi ba magae ba ba tlhomameng le go babalesega, maemo a a fokotsegileng a bosenyi le ntwa, tlhabololo ya magae e e tswelelang.
Go itshepa ga mmeletsi go go tokafetseng le peeletso e kgolo ya selegae le baditšhaba mo ditirong tsa temothuo le mafelo a magae.
Boikgogomoso le seriti mo temothuong jaaka tiro le lephata
Balekane ba ineela go tlamela nako e e tlhokegang le ditšhelete le metswedi ya matheriale go tlhokomela tiragatso e e atlegileng ya togamaano. Go na le temogo e e utlwalang le ditebogo gore kgaolo e ntšha e a bulwa ya temothuo mo Aforika Borwa, kgaolotlase ya SADC le Kontinente ya Aforika.
TONA: TEMOTHUO LE MERERO YA MAFATSHE
MOPORESIDENTE: AGRI SA MOPORESIDENTE: NAFU
Matseno
Mo Puong ya gagwe ya Puisano le Setšhaba ka di 9 Tlhakole 2001, Moporesidente Thabo Mbeki o bontshitse gore fa tekano le tlhomamo di fitlheletswe kwa maemong a makero, kelo ya kgolo ya ikonomi e ne e sa le kwa tlase. Mo puong ya gagwe Moporesidente o goeleditse leano la tiro la go:
Isa ikonomi go ya tseleng ya kgolo e e kwa godimo.
Oketsa bogaisani le bokgoni.
Tsholetsa maemo a go thapelo ditiro.
Fokotsa lehuma le le tsweletseng le go sa lekalekaneng.
Moporesidente o bontshitse gore maikemisetso a a ka bonwa botoka ka tlhokomediso e e kgethegileng mo Letlhomesong le le Tshwaraganeng la go Rulaganya la Mmuso kwa maphateng a ikonomi a a bontshang bokgoni jo bo kwa godimo jwa kgolo le tlholego ya ditiro. O ne a sedimosa temothuo, maatla, bojanala, madirelo a setso, maphata a a rileng a ntshetsontle (go tsenyelediwa tirego ya temothuo), le tshedimosetso le madirelo a tlhaeletsano ya megala.
Lephata la temothuo, le le tlhalosiwang jaaka ditiro tsotlhe tse di amanang le tlamelo ya tlhagiso ya temothuo, temothuo le go dirwa le ditiro tsa phatlhalatso tse di oketsang boleng kwa dikumong tsa polase, di sala go nna lephata la botlhokwa mo ikonoming ya Aforika Borwa go ikgatholositswe kabo ka tlhamalalo e nnye ya yona le kumo ya selegae ya bogotlhe e e feletseng. (GDP).
E tlamelela tse pedi tsa ditlhokego tsa motheo tsa motho, e bong dijo le tlhale, mme e na le dikgolagano tse di tiileng tsa ikonomi le ditiro le maphata a mangwe a ikonomi, ka go rialo e na le seabe se se utlwalang mo kgolong ya ikonomi. E fitlheletse ditlhokego tse ka katlego ka tlhagiso e e oketsegileng fa ditšhaba tsa naga e ne e le dimilione tse 4 kwa tshokologong ya ngwagakgolo ya somaamabedi go fitlha go dimilione tse 40. Ka jalo ke mokwatla wa kgolo le tsweletso mo Aforika Borwa gonne e tlamela motheo o o tiileng le tshegetso kwa maphateng a mangwe a ikonomi. Tlhotlheletso ya yona mo ikonoming e bontshitswe ke merwalela ya gautshwane e e sentseng dikarolo tsa Porofense ya Bokone le Mpumalanga ka Tlhakole 2000, fa kelo ya kgolo ya GPG e wa ka 1%.
Temothuo ya motheo, e e nang le tlhagiso ka fa gare ga melelwane ya kgoro ya polase, e ikarabelela kwa tlase ga 5% ya GDP ya Aforika Borwa. Maraarane a temothuo ya dijo, a a nang le tlhagiso theo mmogo le koketso le maphata a tirego ya temothuo, e e ikarabelelang bokana ka 14% ya GDP. Go na le bokana ka balemirui ba khomešiale ba sekale se segolo ba le 50 000 ba segolo mme e seng fela, ba tsewang go tswa setšhabeng sa basweu. Ka 2000 ba ne ba romela ntle bokana ka badiri ba le milione o le mongwe, e e leng 11% ya bogotlhe jwa thapo ya lephata le le rulaganeng mo nageng. Bontsi jwa badiri ba ba nna mo dipolaseng tsa khomešiale mme bana ba bona ba amogela thuto mo dikolong tsa dipolase. Ka jalo dipolase tsa khomešiale di tlamelela botshelo le dintlo go maloko a lelapa a a ka nnang dimilione tse 6 tsa badiri ba le milione o le mongwe le go tlamelela ditlhokego tsa thuto ya bona.
Go na gape le balemirui ba bannye ba le 240 000 ba ba tlamelelang botshelo kwa go feteng milione o le mongwe wa maloko a lelapa, le thapo ya sewelo go batho ba bangwe ba le 500 000. Balemirui ba ba tlamela dimmaraka tsa selegae le kgaolo koo dipalo tse dikgolo tsa bagwebi ba ba seng mo molaong ba itirelang botshelo. Go feta moo, balemirui ba ba lekanyediwang go dimilione tse 3 ba dintlo ba ba beilweng segolo mo mafelong a tlhakanelo a dinagamagae tsa maloba, ba tlhagisa segolo go fitlhelela karolo ya ditlhokego tsa lelapa tsotlhe. Kwa bofelong, go lekana le ditiro tsotlhe tsa tlhagiso le loago tsa ditoropo tsa magae le ditikatikwe tsa tirelo di ikaegile ka temothuo theo le ditiro tse di amaneng tsa loago. Seno se akaretsa temothuo ya bojanala e e golang e e ratwang le e e botlhokwa mo ikonoming le ditiro tsa thuo ya diphologolo. Go feta halofo ya diporofense le bokana ka 40% ya ditšhaba tsotlhe tsa naga ka jalo di ikaegile segolo ka temothuo le madirelo a a amegang.
Togamaano e ya thulaganyo e tsweleditswe ke Lefapha la Temothuo, Agri SA le NAFU ka kopo ya Moporesidente go fetolela tikologo e e siameng mo maikaelelong, dipholising le ditirong tse di tla isang kwa kgolong le tswelelong ya bannaleseabe botlhe mo lephateng. Kopo e, e ne e le poelo e e tlhamaletseng ya kopano ya setlhopha sa go dira sa temothuo sa Moporesidente ka Mopitlwe 2001, koo Moporesidente a gwetlhileng baanaleseabe go lemoga leano le le bonolo le le tla lebelelang bongwe le kgolo ya lephata.
Palo ya balekane ba togamaano e amegile mo tsweletsong le tiragatsong ya leano la togamaano ya lephata. Bano ba karetsa mmuso, balemirui, temothuokgwebo, mekgatlho ya tirelo ya temothuo, bodiri bo bo rulaganeng, mekgatlho e e ikaegileng ka baagi le mekgatlho ya boditšhaba. Bano ke bannaleseabe botlhe ba botlhokwa le badirisi ba togamaano ba ba akanyeditsweng go direla modirisi wa bofelo, batho ba Aforika Borwa go fitlhelela maikaelelo a botshelo jo bo botoka go botlhe.
Le fa e le masisi mo katlegong ya temothuo, ntlha ya bodiri bo bo rulagantsweng e ne e sa lebelelwa ka totobalo mo tokomaneng gonne bontsi jwa merero e e lebeletswe mo go "Common vision on farm labour" e e konoseditsweng fa gautshwane. Merero mo tokomaneng e e bopa karolo ya botlhokwa ya go diragatsa togamaano ya lephata le.
Tirego ya go tsweletsa Togamaano e ne ya etelelwa pele ke palo ya ditokomane tsa mmuso le ditogamaano tse dingwe. Tsotlhe tsa tse di tlhodile letlhomeso le le botlhokwa le ka fa gare togamaano ya lephata la temothuo e bopilweng mme e akaretsa tse di latelang:
Maiteko a Mašwa a Aforika (A pele e neng e le Leano la Mileniamo la Nonofa la Aforika) a mo go ona baeteledipele ba Aforika ba itlamang ka pono e e tshwanang le maipofo a a tsepamang a kutlwano go tlosa lehuma le go baya mafatshe a bona mo tseleng ya kgolo e e tswelelang le tsweletso.
Togamaano ya Tsweletso ya Magae e e Kopaneng e e Tswelelang ka maikaelelo a leano go fetolela Aforika Borwa ya magae go nna lephata le le dirang ka katlego mo ikonoming le tlhomamo mo loagong le lephata la kutlwano le le dirang seabe sa botlhokwa go GDP ya setšhaba.
Khomišene ya Maatlafatso ya Ikonomi ya Bantsho le thulaganyo ya leano la bosetšhaba la Maatlafatso ya Ikonomi ya Bantsho (BEE).
Kabo gape ya mafatshe ya lenaneo la Tsweletso ya Temothuo (LRAD), lenaneo tlaleletso la lenaneo la kabo gape ya mafatshe. Lenaneo le akanyeditswe go tlamela dikabo kwa baaging ba pele ba neng ba kgapetswe thoko ba Aforika Borwa go fitlhelela lefatshe ka tsepamo ka mabaka a temothuo.
Pono le Khouto ya Maitsholo ya Dikamano tsa Bodiri mo Temothuong" e e kwadilweng ke temothuo e e rulagantsweng, mekgatlho ya bodiri le Lefapha la Badiri. Pono e e tshwanang e e amoganweng ka phetogo ya mafatshe e amoganwa gape jaanong mo tiregong ya go kwalwa.
Letlhomeso la Thulaganyo le le Kopaneng la Mmuso.
Pampiri e Tshweu ya Temothuo ya 1995 le Tokomane ya Ditherisano ya 1998 ya Pholisi ya Temothuo.
Mo karolong e e latelang pono ya lephata la temothuo e a tswelediwa le go tlhalosiwa. Karolo 3 ka go latelana e sedimosa maemo a jaanong mo lephateng, e e thusang mo go lemogeng, mo Karolong 4, dikgwetlho tsa go fitlhelela pono. Dikgwetlho tsa lephata di isa kwa ditogamaanong tse tharo, tse di tlhalosiwang ka botlalo mo go Karolo 5. Ditogamaano tse dikgolo tse tharo ga di kitla di dira mo bonosing, mme di ikaegile ka ditogamaano tse di tlaleletsang tse tlhano tse di tlhalosiwang mo go Karolo 6, tse tota, di bopang motheo wa go fitlhelela maikaelelo a togamaano. Karolo 7 e tlhagisa "ka moo o ka " ya leano la togamaano ka go sedimosa mananeo a tse di tlang pele le dipopego le ditirego tsa tiragatso.
Ponelopele ya Temothuo ya mo Aforika Borwa
Ditengtiriso le dikgwetlho tse di neilweng ke Moporesidente mmogo le mafelo a motheo le boleng jwa setšhaba sa Aforika Borwa o mošwa di laolela pono ya lephata la temothuo. Pono e ke:
Lephata le le kopaneng le le humileng la temothuo
Pono e tlhalosa lephata le le kopaneng le le direlwang ke letlhomeso la pholisi e e kgonegang e e rulagantsweng go nna moratho wa dikarolo tse pedi tse di bonalang le go oketsa seabe sa lephata mo kgolong ya ikonomi le tsweletso.
Pono e kaya botsayakarolo jwa poelo jo bo tswelelang mo ikonoming ya temothuo ya Aforika Borwa ka mefutafuta e e tletseng ya dilo tse di ikemetseng di le teng tsa ikonomi, go lemogiwa ka botlalo botlhokwa jwa tlhagiso ya khomešiale e e tswelelang mmogo le bonnete jwa ditshalelo tsa ditiragalo le ditshokamo tse di bakileng phitlhelelo e e thulameng le kemedi. Pono e amogela bomefutafuta jwa lephata mme e ikaelela go tlhomamisa lefelo le seabe tsa balemirui botlhe mo lephateng le le kopaneng. Tebo e e jalo e tsewa e le maleba mo maemong a tsweletso ya ga jaana ya setšhaba sa Aforika Borwa mme e tla tlhola motheo wa bonno mme ya tsenya ditlhopha tsotlhe maatla le ditlhopha tse tsa setšhaba se se kgaoganeng ka ditiragalo, e bong dikgwebo tse dinnye, tsa magareng le tse dikgolo mmogo le ditlhopha tse di ikgatholositsweng go ya ka ditiragalo (go tewa morafe, bong le ditlhopha tsa bašwa).
Mo tshegetsong ya pono ya temothuo, tebo e kgolo ya leano la togamaano ya lephata e tla lebisiwa mo maikaelelong a togamaano a a latelang:
Go tlhola phitlhelelo e e lekanang botsayakarolo mo lephateng la temothuo la bogotlhe le le gaisanang, la dipoelo le le tswelelang le le nang le seabe mo botshelong jo bo botoka jwa botlhe."
Maikemisetso a togamaano a a tla kaela bagwebisani botlhe ba loago ba ba maleba mo tlhologelelong ya bona go tlhagisa mefutafuta ya ditogamaano le mananeo. Mananeo a a tla tlholwa le go diragadiwa go ya ka mafelo a motheo a a latelang le boleng jwa dintlha:
Kakgolo e e siameng ya maiteko, kotsi le matlhagatlhaga.
Tshireletso ya go nna le thoto ya batsayakarolo ba jaanong le ka moso.
Phitlhelelo e e lakanang kwa metsweding le mabaka a tlhagiso.
Tiriso e e tswelelang ya metswedi ya tlholego le baoloji.
Patlisiso e e utlwalang, saense, kitso le ditsela tsa thekenoloji.
Maatla a mmaraka go lebisa tiro ya kgwebo le kabo ya motswedi.
Letlhomeso le le bonalang la go laola le ditirelo tsa mmuso tse di dirang.
Tlhomamo ya pholisi le ponelopele.
Badirammogo ba ba arabelang sentle magareng ga maphata a poraefete le setšhaba mo popegong ya pholisi le tsamaiso ya tirelo.
Dipoelo tse di latelang di solofetswe go tswa mo tsweletsong e e atlegileng ya maikaelelo a togamaano:
Tlholego e e oketsegileng ya lehumo mo temothuong le mafelo a magae.
Thapo e e oketsegileng e e tswelelang.
Matseno a a oketsegileng le dikamogelo tsa thefosano tsa boditšhaba tse di oketsegileng.
Lehuma le le fokotsegileng le go sa lekaneng mo lefatsheng le go nna le dikgwebo.
Nonofo e e tokafetseng mo temothuong.
Tshireletso e e tokafatseng ya bosetšhaba le dijo tsa mo dintlong.
Baagi ba ba tlhomameng ba magae ba ba babalesegileng, maemo a a fokotsegileng a bosenyi le dintwa, le tsweletso ya magae e e tswelelang.
Go tshepa go go tokafetseng ga mmeletsi go go isang kwa peeletsong e e oketsegileng ya selegae le ya boditšhaba mo ditirong tsa temothuo le mafelo a magae.
Boikgogomoso le seriti mo temothuong jaaka tiro le lephata.
Bonnete jwa ga jaana jwa Temothuo ya Aforika Borwa
Aforika Borwa e itlhopholotse ka maemo a a kwa godimo a lehuma, segolo mo mafelong a magae koo bokana ka 70% ya batho ba ba humanegileng ba Aforika Borwa ba nnang. Matseno a bona a a tshwarega gonne ikonomi ya magae ga e matlhagatlhaga mo go lekaneng go ba tlamela ka ditiro tse di duelang kana ditšhono tsa go ithapa.
Go na le mabaka a le mantsi a maemo a a boleng, mme a le mantsi a, a ikepetse mo dipholising tse di dirilweng mo nakong e e fetileng. Fa maemo a tlholego jaaka go fetofetoga ga tlelaemete, a lebega a le kotsi mme a baka mabaka mo temothuong, dipholisi tse di sa rulaganngwang le ditlamorago tse di sa ikaelelwang tsa dipholisi di rile mo nakong e e fetileng tsa baka kgolo e e sa nonofang le peeletso mo lephateng gape. Fa mafelo a magae a ne a na le motheo o o neng o ka tshegetsa dikamogelo tse dikgolo le maatla a tiriso madi, ikonomi ya magae e ne e ka nna maatla, ya gola le go tlhola ditšhono tse dintsi le go ithapa. Ka jalo, go ka ngangisanwa gore fa ikonomi ya Aforika Borwa e ka bo e latetse tsweletso e e farologaneng, ya bodiri bo bo tseneletseng, bo bo tsenyeletsang bo sa kgetholole le tsela ya go dumalana mo nakong e e fetileng, lehuma la magae le ka bo le sa nna le selebego se se bonalang sa setšhaba sa rona sa jaanong le ikonomi.
Diikonomi ka kakaretso di gola ka go sutisetsa metswedi ya motho le khepetlele kwa ntle ga maphata a magolo (temothuo, go epa/rafa), pele ka mo lephateng la madirelo mme morago mo ditirelong tsa lephata. Seno se diragetse jalo le ka Aforika Borwa, koo kgabaganyo go ya nakong ya morago ga madirelo e setseng e tsweletse. Gone go na le bopaki jwa gore mo tiregong e maphata a magolo (jaaka temothuo) a ka bo a paletswe ke go fitlhelela bokgoni jwa ona ka botlalo kana a dirile jalo ka mokgwa o o sekameng mo go isitseng kwa palong e kgolo ya batho ba tlhophololwa mo ditshiamelong tsa go dira dilo go nna tsa segompieno.
Temothuo ya khomešiale ya Aforika Borwa e latetse tsela ya kgolo e e tseneletseng ya bokhepetlele go feta, fa metswedi ya temothuo ya botlhokwa (batho le matheriale) e ntse e sa dirisiwe kana e sa dirisiwe ka botlalo mo mafelong a maloba a dinagamagae. Bobedi jo jwa diponagalo bo amile bokgoni jwa go bona lotseno ga batho ba magae. Go feta foo, bokgoni jwa tsa kgwebo jwa balemi ba Bantsho bo ne jwa gatelelwa, mo lebakeng la ntlha ka go tlhophololwa go tswa mmarakeng wa lefatshe wa khomešiale le gore jaanong ka ntlha ya bolemirui jwa ntle le tuelo jwa tshegetso ya khomešiale bo ne bo tota bo sa kgonege mo mafelong a dinagamagae. Ditšhono tsa ditiro mo temothuong ya khomešiale di ne di tota di santse di lekanyeditswe segolo badiri ba ba se nang bokgoni ba amogela mogolo o o kwa tlase, le kabo e kgolo ya bogotlhe jwa thapo mo temothuong ya khomešiale ke ya boleng jwa go ya ka ditlha kana nakwana fela. Go feta foo, tsela e ya kgolo e kaile gore madirelo a a ya ntlheng ya godimo e le nngwe (difeme tsa dikumo) le tse di fologelelang ntlheng e le nngwe (metšhine ya dijo le faeba) tse di amanang le temothuo di ne di thibelwa, ka go rialo go timiwa batho ba magae ditšhono tsa ikonomi.
Mabaka a a ne a ikarabelela segolo go tlhola sebedi se se feteletseng le go sa lekane mo temothuong. Sebedi se se tlhodile pharologano ya' rona' le' bona' magareng ga batsayakarolo mme se isitse kwa mokgweng wa go dira pholisi le tsamaiso ya tirelo e e tsepameng mo ditemothuong tse pedi go na le lephata le le esi le le kopaneng - e le nngwe ya balemirui ba khomešiale le e le nngwe ya se se bidiwang balemirui ba ba rotogang. Go na le ka jalo tlhaelo e e feteletseng ya pono e e tshwanang ('rona/ re/ ya') le go tlhaloganya mo temothuong le kakanyo e nnye ya bommogo le go nna gongwe. Lephata le la togamaano le tlhoka go fedisa mokgwa o wa go se utlwane le o o kotsi.
Fa e sale 1990, ditirego di le mmalwa di diragetse go fetola peomolao ya kgethololo le go tokafatsa batsayakarolo, fa ka nako e le nngwe maiteko a mangwe a le mmalwa a diragaditswe go laola sešwa le go golola lephata. Dingwe tsa dikgato tse di nnile le ditlamorago tse di sa ikaelelwang. Ditshutiso tsa pholisi tse dikgolo mo lebakeng le di akaretsa:
Go laolwa lešwa ga go bapatsa dikumo tsa temothuo.
Diphetogo mo tsholong ya lekgeto la temothuo, go tsenyeletsa khutliso ya dithebolelo tsa lekgeto tse di rileng tse di ratileng lephata.
Phokotsego mo ditshenyegelong tsa tekanyetso ka tlhamalalo mo lephateng.
Phetogo ya lefatshe, e e nang le puseletso, kabo gape le mananeo a phetogo ya go tshwara lefatshe.
Phetogo ya pholisi ya kgwebo, e e akareditseng kelotefo ya dikumo tsa polase le kgololo ya kakaretso ya kgwebo ya temothuo go tsenyelediwa ditumalano tsa kgwebo ya mahala.
Phetogo ya setheo e e tlhotlheletang taolo ya temothuo.
Tiragatso ya peomolao ya bodiri kwa lephateng la temothuo.
Diphetogo tse di na le ditlamorago tse dikgolo tse di isang mo bogareng go tlhagiso e e okeditsweng le go temothuo e e feletseng ya bogaisani, le fa balemirui ba le bantsi ba nnile mojo wa manong kwa dikakabalong tsa boditšhaba, maemo a bosa a a sa tsepamang, maemo a a melato a a etegelang le ditumalano tse di yang tlase tsa kgwebo. Seno gotlhelele le bodiri bo boša, metsi le peomolao ya phetolo ya lefatshe di isitse kwa dikgopolong tse di sokameng malebana le maikaelelo a peomolao e, ditsholofelo tse di ileng magoletsa tsa bodiri, dipego tsa phatlhalatsa ka ditlhopha kgatelelo tse di farologaneng, di nnile le seabe mo tsibogong e e sa siamang magareng ga balemirui ba khomešiale le phokotso mo palong ya bathapiwa ba nako yotlhe mo dipolaseng.
Tirego ya ka bonako ya go fetola le go golola mo dingwageng tse di lesome e tlhagisitse gape bokgoni jo bo lekanyeditsweng jwa balemirui ba le bantsi go lepalepana le pholisi le diphetogo tsa papatso. Tlhagiso e kgolwane kwa kgaisanong ya boditšhabatšhaba e amile bogaisani jwa teng ka fa go sa siamang, go go tlholang gore balemirui ba le bantsi ba tlogele madirelo. Mo ikonoming e e butsweng, e e gaisanang, ditsela tse dinnye tsa temothuo le tsona di a palelwa kana di fitlhela go le boima go nna karolo ya temothuo ya tse dikgolo.
Le fa palo ya dipitlagano le mafelo a mathata di thibela lephata la temothuo mo go direng ka bokgoni bo bo feletseng, seno ke karolo fela ya setshwantsho. Go na le ditshupetso tse di siameng tse balemirui bangwe ba dirang sentle ka fa tlase ga mabaka a ga jaana. Go mo molaleng gape gore go na le motheo o o siameng le boitshwaro jo bo siameng le boineelo magareng ga balemirui, mekgwa ya go dira mo kgwebotemothuong le mmuso go mekamekana le dikgwetlho tse di latelang le go di fetolela go nna ditšhono.
Dikgwetlho tsa lephata
Go tswa mo ditherisanong tse di eteletseng pele go a kgonega go lemoga mathata a, le dikgwetlho mo lephateng. Kgwetlho kgolo mo temothuong ya Aforika Borwa ke go bulela bokgoni bo bo sa dirisiwang mo peleng bo bo letseng mo bathong ba yona mmogo le poelo e e kwa tlase le bogaisani bo bo pitlaganyang botsayakarolo bo bo tletseng jwa batho ba mebala le makgaokgao a ikonomi. Bothata bo ikgarile mo palong ya ditlaleletso mathata - a mangwe le a mangwe a tlhagisa dikgwetlho tsa ona.
BOGAISANI JO BO PITLAGANENG JWA BOGOTLHE LE POELO E E KWA TLASE
Ditemogo ke gore lephata la temothuo la Aforika Borwa le arabela sentle dikgwetlho tsa kgaisano e e oketsegileng. Le gale, tswelelopele e sala go nna karolo, mme go na le bopaki gore dtlaleletsa maphata mangwe tsa temothuo le ditiro tse di oketsang boleng ga di gaisane mo mmarakeng wa selegae le boditšhabatšhaba. Seno se tlholwa ke mabaka jaaka ditshenyegelo tse di kwa godimo tse di tsenngwang di kopane le tlhagiso e e kwa tlase ditogamaano tsa kgwebo tsa tlaleletso e e botoka le tlhokego ya bokgoni mmogo le ditiro tsa kgwebo tse di sa siamang. Tlhaelo ya bogaisani jwa boditšhaba le yona e isa kwa peeletsong e e kwa tlase mo maphateng a tlaleletso a a rileng. Gongwe seno ke kgwetlho e kgolo e e tlhokang go lebelelwa go baya temothuo mo kgolong e e kwa godimo e e bonetsweng pele le tsela ya tsweletso.
BOTSAYAKAROLO JO BO SOKAMENG
Re lebile masaledi a tlhophololo le kgethololo, kgwetlho jaanong ke go lotlolola ditalente le maatla a matlhagatlhaga a batho le go tokafatsa botsayakrolo jwa bona mo dintlheng tsotlhe tsa lephata le go le phepafatsa ka gangwe le ka gotlhe dikgoreletsi tsa go tsena tse di ikepetseng mo botemepeding jwa ditiragalo tsa teng. Kgwetlho ke go lemoga manaaneo go rotloetsa ba ba tsenelang ba bašwa: bantsho le basweu; bašwa le bagolo; banna le basadi; bagwebi ba sekale sennye le sa magareng, go tsena mo lephateng. Kwa bofelong, go botlhokwa go bona ditsela go tlhomamisa gore dikarolo tsotlhe tse di farologaneng tse tsa lephata mo nneteng di ikutlwa le go ipona di le tsa makgaokgao a le mangwe.
BOITSHEPO JO BO KWA TLASE JWA MMEELETSI MO TEMOTHUONG
Go itshepa ga mmeeletsi yo o bokoa mo temothuong go tlholwa ke dipoelo tse di kwa tlase tse di boletsweng mmogo le kgatelelo e e tsepameng le bogare jwa ikonomi mmogo le loago mo peeletsong le tlhagiso jaaka dipolao tsa dipolase, diphuduso le go ipaya go go seng ka fa molaong. Mo tlaleletsong go na le dikgopolo tse di fosagetseng, go etegela ga maemo. Go itshepa ga mmeeletsi go a tlhokega go bona lephata le le matlhagatlhaga le le golang la temothuo.
TSHEGETSO LE MEKGWA E E KWA TLASE , E E BOKOWA LE E E SE NANG BOKGONI
Karolo e. ke e le nngwe ya dikarolo tsa mathata a magolo a a golaganeng le nngwe le nngwe ya mabaka a a umakilweng. Bokoa mo kgorosong le tiragatsong ya boalo bo bo sephara jwa dikgato tsa mmuso, melawana le mananeo mmogo le ditsela tse di sa nonofang tsa tshegetso - tsotlhe tse di leng masisi go tlhomamisa tikologo e e kgontshang temothuo - ke tlhobaboroko le kgwetlho go dikarolwana tsotlhe tsa mmuso tse di tshegetsang lephata la temothuo. Dintlha tse di nang le seabe mo bothateng bo ke makgaokgao a ditirelo tse di rileng, metswedi e e sa lekanang, taolo e e bokoa le maikarabelo mmogo le ditshwetso tsa khuduthamaga tse di bokoa le ditiego tsa kgabetsa tse di leele mo go tseyeng ditshwetso.
TSAMAISO E E BOKOA E E SA TSWELELANG YA METSWEDI YA TLHOLEGO
Lefatshe le le sa dirisiweng la bokgoni jo bo siameng le a tlhokega mo Aforika Borwa, mme go na le tekanyetso go ya katologong ya tlhagiso ya temothuo. Mo tlaleletsong, dithulaganyetso le ditirelo go tshegetsa tiriso e e tswelelang ya lefatshe, ga di a lekana. Mananeo a mmuso a a ikaeletseng go sireletsa motheo wa motswedi (k.g.r. Tlhokomelo ya Lefatshe le go Direla Metsi) a atlegile mme ga a lekana. Go nyenyefadiwa ga lefatshe go sala go nna bothata mo mafatsheng a a siameng le a a sa lemegang. Ka kgatelelo e e golang mo temothuong go tsholetsa dikumo go ya ka yuniti ya lefatshe, ke kgwetlho e kgolo go tlhomamisa gore seno ga se diragale mo tshenyong ya motheo wa motswedi wa tlholego.
Ditogamaano tse di botlhokwa
Dikgwetlho tse di lemogilweng di tlhoka go lebelelwa ka bonako jo bogolo go kgontsha lephata la temothuo go tloga mo bonneteng jwa teng jwa ga jaana go ya maikaelelong a togamaano a phitlhelelo "e e lekanang le botsayakarolo mo bogotlheng bo bo gaisanang, bo bo boelwang le lephata la temothuo le le tswelelang le le nang le seabe mo botshelong bo bo botoka jwa botlhe". Maikaelelo a tshwanetse go fitlhelelwa ke togamaano ya temothuo ya Aforika Borwa e e nang le dielemente te tharo tse dikgolo, e bong phitlhelelo e e lekanang le botsayakarolo, bogotlhe bo bo gaisanang le poelo mmogo le tsamaiso ya motswedi o o tswelelang.
Phitlhelelo e e lekanang le togamaano ya batsayakarolo.
Maikaelelo a togamaano e ke go oketsa phitlhelelo e e lekanang le botsayakarolo mo ditšhonong tsa temothuo; go ntsha lefatshe bosemorafe le leano la go nna le sa gago; mmogo le go bulela bokgoni bo bo tletseng jwa kgwebo mo lephateng. Tebelelo ya teng e tla bo e le mo phetogong ya lefatshe, diphuthelwana tsa tshegetso tsa tshimololo ya ba e leng gona ba tsenang ba bašwa mo temothuong, kgwebisanong le kgodisong ya lephata.
Togamaano e e lebelela bobedi jwa ditiragalo tsa tlhophololo, le go rotloetsa botsayakarolo bo bo tswelelang jwa bao ba ba setseng e le karolo ya lephata. Le godisa gape tsweletso ya pono e e amoganwang le togamaano e e tshwanang ya temothuo e e tsenyeletsang e e mefutafuta e e tla akaretsang mebala yotlhe ya dikgwebo le disaese tsa dipolase, go tloga go e nnye thata go ya go e kgolo thata. Mmuso o tla re mo lebakeng le o tlhome letlhomeso la kgwebisano go diragatsa togamaano e ya botlhokwa e. Bopaki jwa dikgwebisano tse di siameng tse di tiileng le bofatlhosi bo bo tswelelang magareng ga balemirui ba khomešiale ba ba leng teng le ba bašwa ba ba tsenang ba tla rotloediwa.
Botsayakarolo bo bo tswelelang mo lephateng bo tla sirelediwa fa fela re kgapela thoko kgopolo e e sa siamang ya temothuo jaaka e tlhophololwa ke poelo e e kwa tlase, dikoloto, mathata a tshireletso, matshwenyego a modirisi a pabalesego ya dijo, merero ya semolao le phetogo e e bonya - mme ka jalo lephata le mo go lona batho ba se nang tshepo le boikgantsho. Bolemirui bo tsewa bo fekeediwa ke banna ba MaAforikanere ka kakanyo e e feteleditsweng ya matshosetsi, kgapelo thoko le tlhokomologo magareng ga balemirui ba ba leng teng le ba ba tla nnang bona. Tshokamo e nngwe ya bolemirui ke gore batho ba bantsho ga ba kgone go kana ba tshwanela go nna sengwe fa godimo ga maemo a loago a balemirui ba go tshelela mo lehumeng. Dikakanyo tse di tla fetoga fa fela dikgopolo ka fa teng le ka fa ntle ga temothuo di fetoga le go emelwa ke kgopolo ya temothuo e e tsogileng e e atlegileng le e e leng ya kemedi e gape e lebelelang matshwenyego a tikologo le pabalesego ya dijo ka badirisi.
Go godisa ba bašwa ba ba tsenang mo lephateng la temothuo, tsepamo e tla tlhokega mo maitekong a maatlafatso ya ikonomi mo bathong ba bantsho, mo basading, ba bogole le mo bašweng ba merafe yotlhe. Tirego ya go kgontsha MaAforika Borwa a mantsho go atlega mo bolemiruing jwa khomešiale le kgwebotemothuo e tla tlhoka maiteko a a rulagantsweng sentle le a a totileng go lekalekanya patlelo le go tlisa lephata la kemedi e e batlang e lekana e e akaretsang. Go feta foo, go lemotshega gore bašwa ba merafe yotlhe ke isago (bokamoso) ba tshwanetse go rotloediwa go tsaya karolo mo ditirong tsa temothuo. Maiteko a a tla rulaganngwa go tlhagisa lephata le le akareditseng le le le nonofileng go feta, le le tla tlamelang tshusumetso ya ikonomi ya magae e e golang, kwa ntle ga go otlhaya balemirui ba khomešiale ba ba leng teng.
PHETOLO YA LEFATSHE
Jaaka kgato ya ntlha go botlhokwa go dirana ka botlalo le phetogo ya lefatshe go tlhomamisa tlhomamo ya magae le tlhomamiso ya mmaraka. Tirego ya maatlafatso ya ikonomi mo temothuong ya Aforika Borwa e simolola ka phitlhelelo e e tokafetseng kwa lefatsheng le go bewa ga ditshwanelo tsa go nna le lefatshe tse di tiileng mo bathong le kwa mafelong a koo tseno di se yong.
Go dirana le phetogo ya lefatshe mo go nonofileng, go botlhokwa gore mekgwa yotlhe ya phitlhelelo ya lefatshe jaaka pusetso, kabo gape le phetogo ya go nna le lefatshe di newe tlhokomelo e e lekaneng. Ditirego di tla tsenyeletsa, fela di se nne tebo ya togamaano ya lephata le, lefatshe le dirisediwe mabaka a e seng a temothuo jaaka dintlo, jj.
Go latela tswelelopele e e bonya ka tiragatso ya kabo gape ya lefatshe mo dingwageng tse tlhano tsa ntlha morago ga 1994, lenaneo le rulagantswe gape. Phetogo ya Lefatshe e ntšha ya lenaneo la Tsweletso ya Temothuo (RAD) e rulagantswe go atolosa metseletsele ya dikgato tsa tshegetso e e tla nnang teng kwa baaging ba ba neng ba kgapetswe thoko pele ba Aforika Borwa go fitlhelela lefatshe segolo ka mabaka a temothuo. E tiisetsa filosofi ya kabo gape ya lefatshe le le thusiwang ke mmaraka ya lenaneo la pejana la phetogo ya lefatshe. Maitemogelo a boditšhabatšhaba a bontshitse gore mananeo a a ikaegileng ka mmaraka wa kabo gape ya lefatshe e e kaelwang ke naga ka gale a dira botoka go na le mananeo a a dirwang gotlhelele ke lephata la setšhaba. Lenaneo le le rulagantsweng, gape le na le bokgoni go itlhaganedisa go gorosiwa ga lefatshe, gonne ke lenaneo le le kopaneng le le bonolo mme le kgweediwa ke baamogeladitshiamelo ba ba ka kgonang go le dirisa mo ditseleng tse di temekang go ya ka maikemisetso le metswedi.
Mmuso o ineetse mo go tlhomamiseng katlego ya lenaneo le go tlhomamisa gore batho go tswa ditlhopheng tse di neng di kgapetswe thoko di bone phitlhelelo kwa lefatsheng ka tsela ya bonako e e rulaganeng. Le gale, go botlhoko gore naga e tshwanetse go dirisiwa go ungwa. Seno se tla diragala fela fa ditirelo tse dingwe tse di tshegetsang mmogo le mananeo a go katisa di tlametswe. Ka jalo go dumetswe gore phetogo ya lefatshe le bonno jwa balemirui ga di ka ke tsa diragala mo lefaufaung le gore mafapha a porofense a temothuo le mmuso wa selegae o tla tshwanelwa ke go tshwameka karolo e e botlhokwa mo go thuseng baamogeladitshiamelo. Seno se tla tlhoka gore mathata a bokgoni a mebuso ya porofense le ya selegae a lebelelwe jaaka ntlha ya ka bonako.
Boitlhopelo botlhe bo bo kgonegang jwa go bona phetogo ya lefatshe ya bonako e e tswelelang bo tla salwa morago. Seno se tla akaretsa go latlhiwa ga mafatshe a temothuo a beng ba e leng setšhaba jaaka karolo ya ntlha ya go tsepamisa tlhokomelo. Tsena di tla tlalelediwa ka dikgato jaaka dikema tsa go abelana tsa tekano, bolemirui jwa konteraka, bolemirui jwa go renta, phetolo ya go nna le lefatshe mo mafelong a a amoganwang ke batho ba le mmalwa le go bona mafatshe a poraefete.
Ka ntlha ya bontsi jwa bahumanegi ba magae ba tshela le go rua le go lema mo mafatsheng a a amoganwang ke batho ba le mmalwa, merero ya tshireletso ya go nna le lefatshe e tshwanetse go lebelelwa ka bonako. Go botlhokwa go tlamela dithotloetso tse di tokafaditsweng le ditšhono tsa peeletso mo mafelong a. Mme ka ntlha e, e le morero o o masisi, tirego ya tirisano e e tswelelang le bothati jwa setso go tlhomamisa katlego ya tirego e tla dirwa. Seno se tla pataganngwa le tsosoloso ya dikema tsa nosetso mo mafelong a dinagamagae tsa maloba le go sutisetsa tsamaiso le go nna tsa beng kwa balemiruing ba ba dumeletsweng le baagi.
Le fa phetolo ya mafatshe e le ntlha e e botlhokwa ya tshimololo mo go tlhomamiseng botsayakarolo bo bo ikadileng mo kelelong e kgolo ya temothuo, palo ya ditirelo tsa tshegetso e tlhoka go lebelelwa ka gangwe go tlhomamisa gore tirego ya phitlhelelo le maatlafatso e a atlega le go tswelela.
DITIRELO TSA TSHEGETSO
Fa maatla a setheo a a utlwalang le matlotlo di dirisitswe mo go tlameleleng phitlhelelo kwa lefatsheng go batsenedi ba ba ša mo bolemiruing mo dingwageng tse supa tse di fetileng, tlhokomelo e e kwa tlase e neilwe mananeo a tshegetso a molemirui. Go fitlha fa, tshegetso ya tshiamiso ya mafatshe ya morago go batsayakarolo mo mananeong a phetolo ya mafatshe e rulagantswe mo theong ya se se dirang mo lebakeng leo, ka ntlha ya seo gore kamego e nnile ya letlhakore fa e gaisitse. Re sale foo, ditirelo tsa tshegetso kwa balemiruing mo mafelong a dinagamagae di wele tsotlhe.
Go na le dikgwetlho tse pedi malebana le ditirelo tsa tshegetso tsa tshiamiso ya mafatshe ya morago. Ka la ntlheng, fa balemirui ba ba ša ba tshwanelwa ke go maatlafadiwa go tshameka seabe se se agang mo tsweletsong ya temothuo, go tlhokega gore ba tshwanetse go nna le phitlhelelo ya ditirelo tsa tshegetso. Le fa maitemogelo go tswa Aforika a bontshitse gape gore ditirelo tsa tshegetso kwa balemiruing ba bannye le ba sekale se segolo sa khomešiale. Ka jalo, kgwetlho ya ntlha ke go tokafatsa le go atolosa ditirelo tsa tshegetso tse di leng teng go fitlhelela ditlhokego tsa balemirui ba botlhe. Seno se tsenyeletsa tsweletso ya metseletsele ya ditiro tse di tswelelang jaaka go tiisediwa ga ditheo tsa tirelo ya go gorosa tsa patlisiso, ditirelo tsa ditšhelete, phitlhelelo kwa mmarakeng le tsweletso, katiso le tsweletso ya bokgoni le Mafapha a Porofense a Temothuo.
Kgwetlho ya bobedi ke go tlamela tshegetso e e lebeletsweng kwa balemiruing ba ba ša. Maitshimololelo a botlhokwa a le mararo a tla tsewa mo lebakeng le:
Tlamelo ya tshegetso ya pele ya bonno mo balemiruing ba ba thusiwang go tswa puseletsong ya tlhabololo ya lefatshe, kabo gape le tlhabololo ya tshwanelo ya lefatshe. Bonno jwa pele jwa lefatshe go fitlha jaanong bo tlhoka thulaganyo e e botoka segolo magareng ga Mafapha a Temothuo le Merero ya Lefatshe, magareng ga mebuso ya bosetšhaba le porofense, le mo bothating jwa selegae le mekgatlho ya balemirui le kgwebotemothuo.
Temogo ya balemirui ba bašwa ba go tswa ditlhopheng tse ka ditiragalo ba neng ba kgapetswe thoko ba ba boneng phitlhelelo kwa lefatsheng ka theko ya poraefete, khiro, tse di tlogetsweng jaaka boswa, jj. Tshekatsheko ya ditlhokego go tlhomamisa ditlhokego tsa bona go ya ka diphitlhelelo tsa tshegetso ya ditirelo e tla dirwa, le dikgaolo tsa mafelo le ditlhopha tsa tirelo koo ditlhokego tsa bona di leng dikgolo di tla lebelelwa jaaka kakanyetsopele ya tlamelo ya tirelo ya tshegetso.
Maiteko a tlhagiso e ntšha ya mananeo a tsweletso ya balemirui mo lefatsheng la tlhakanelo. Kgatelelo e tla bo e le mo tharabololong ya bothata le mo dikgatong go thusa balemirui ba go nna batlhagisi ba ba atlegileng mo nakong e khutshwane e e kgonegang. Seno se tla tlhoka phitlhelelo e e siameng kwa dimmarakeng, katisong, tlhabololo ya tshwanelo ya go nna le lefatshe, dithulaganyetso le dtirelo tsa tshegetso tse di lebeletsweng. Mananeo ka tirisanommogo a tla simololwa go tlamela dithotloetso tse di siameng go tlhomamisa botsayakarolo jwa bona.
Bannaleseabe ba bagolo mo lephateng ba tshwanetse go ineela mo go tsepamiseng tlhokomediso ya bona mo mananeong a tshegetso ya balemirui go tlhola tlwaetso ya temothuo ya rona ka, magareng ga tse dingwe, go godisa mananeo a kgwebisano, togamaano ya matlhakokoano a tiro le dikgwetlho kgwebo tse di kopanetsweng mo mafelong a a rileng a a latelang:
Phitlhelelo ya mmaraka e e tokafaditsweng le tloso ya dikgoreletsi tsa mmaraka kwa go ba magorogo mašwa.
Phetiso e e godisitsweng ya thekenoloji kwa balemiruing ba bašwa kwa ditikatikong tsa boemo bo le bongwe tsa tshegetso tsa molemirui kwa maemong a selegae.
Tiragatso ya leano la motswedi wa motho wa tsweletso, e e tsenyeletsang tsweletso ya bogwebi potlana le diporojeke tsa dithuso.
Phitlhelelo e e tokafaditsweng kwa tlhatlhamanong e e akaretsang ya ditirelo tsa magae tsa ditšhelete ka phitlhelelo ntle le bokgoni jwa ditheo tsa magae tsa matlole.
Tebo e e tokafetseng, tirisanommogo le thulaganyo magareng ga ditheo tsa mmuso, temothuo e e rulaganeng, mekgatlho e e seng ya mmuso le mekgatlho ya magae e e amegang le mananeo a tsweletso ya molemirui ka diforamo kwa maemong a bosetšhaba, porofense le selegae. Diforamo tse di jalo di ka dirisiwa go lemoga ditlhokego le mananeo a a maleba a a tshwanetseng go amogela tebelelo ya pele, go buisana le go rarabolola dintlha tsa mathata ka mananeo a a leng teng, go tlhomamisa tlhokego ya dithotloetso le dikgwebisano tsa botlhe - poraefete go tokafatsa ikgono ya mananeo le go dira dikabelo malebana le dipholisi le didirisiwa tsa pholisi.
Dikgono le nonofo tse di tokafetseng tsa bodiri jwa katoloso mo teng ga lephata la poraefete le Mafapha a Porofense a Temothuo.
Botsayakarolo bo bo oketsegileng mo temothuong bo tla tshegediwa ke mananeo go thusa ba magorogo mašwa ka dithulaganyetso tsa mo polaseng. Dikao di akaretsa tshegetso ya go dira magora, tanka ya go ina, bodilo/sebopego, ditiro ysa tshomarelo ya mmu, matlole a ditheko tsa diruiwa le didiba tse di borilweng.
Kgato e e goboketsang e a kgodisa ka makgetlho a mantsi go maatlafatsa balemirui. Ka go dira mmogo, balemirui ba lemoga ditlhokego tsa maloko le go tiisetsa ditopo tsa bona, go kopanya maatla a bona a ikonomi le go lebelela ditlhaelo tsa mmaraka. Mmuso ka jalo o tla tshegetsa mekgatlho ya balemirui go aga boleng jwa bona le go tsweletsa mekgwa ya tlhaeletsano ya ka fa gare. Mo lebakeng le kgwebisano e e tiileng magareng ga NAFU le Agri SA e tla rotloediwa jaaka sedirisiwa se se maatla go maatlafatsa balemirui botlhe.
Dipolase tsa temothuo mo Aforika Borwa ke popego ya botlhokwa mo tshegetsong ya balemirui ba bašwa. Dipolase tse di leng teng di ka tshameka karolo ya botlhokwa, mme tlhomo ya dipolase mo baaging ba magae ba ba humanegileng e tshwanetse go rotloediwa. Maiteko a e sale gale malebana le se a tlhaetse ka ntlha ya maitsholo le boleng magareng ga maloko le tsamaiso le gape ka ntlha ya tlhaelo ya bokgoni jwa botsamaisi le dikgono, tse di isitseng kwa ditiragalong tse di bokoa tsa kgwebo. Dikgato tse di ša go simolola tsweletso ya dipolase ka kago ya bokgoni le dikgato tsa tshegetso ya ditšhelete tsa maikarabelo di tla dirwa.
Go na le tlhaelo ka kakaretso ya dithulaganyetso mo dinagamagaeng tsa maloba, fa maikuelo a tletse a go tsosolosa le go tshegetsa mo mafelong a magae a basweu a maloba. Seno se na le ditlamorago tsa go dira mafelo a go se gaisane. Gore go siamisiwe dithulaganyetso tse tsa go se lekane le go ikuela tlamelo ya tirelo e e tokafetseng, Mafapha a Porofense a Temothuo le bothati jwa selegae a tla kopiwa go thadisa dikgala tsa dithulaganyetso le go tlhomamisa gore lenane le le rulagantsweng le tlametswe mo Maanong a Tsweletso e e Kopanetsweng ya tsweletso ya dithulaganyetso. Seno se tla akaretsa tlhokomelo e newa ditoropo tsa magae le ditikatikwe tsa tirelo. Temothuo e tla tsenngwa mo tebong ya bogare jo bo tlang pele jwa selegae.
Bolemirui jwa segompieno bo fetogile ka ntlha ya dikgatelelo tsa ikonomi. Balemirui ba itshwareletse ka dikgato tsa go boloka ditshenyegelo jaaka phetogo, katoloso le koketso ya boleng jaaka ditsela tsa go lebelela dikgala tsa morokotso tse di welang fatshe. Dtogamaano tse ka gantsi di raya go fologela kwa ditirong tse dintsi tse dikgolo. Boleng bo bo fetogang kwa ditirong tse dintsi tse dikgolo. Boleng bo bo fetogang jwa go dira temothuo gape go kaya gore go na le legora le le akanngwang la go tsena mo go bamagorogo mašwa a mantsi a a nang le bokgoni mo temothuong. Go lebelela dikgwetlho tse tsa ikonomi, dikgato tsa diphetogo tse di ša di tla dirwa go kgontsha batho go tsena mo madirelong ka fa tlase ga maemo a jaanong.
Le gale diabe di le mmalwa di tshwaetse Mmuso mo phitlhelelong le togamaanong ya botsayakarolo. Go botlhokwa go lemoga gore lephata la poraefete - go tewa dikgwebo temothuo, balemirui, dipolase, mekgatlho ya balemirui - le na le karolo ya botlhokwa e ntsi go e tshameka mo go rotloetseng maatlafatso le botsayakarolo. Go ka bonako jaanong e bile go a tlhokega gore lephata la poraefete le tsaya kgwetlho e ya maatlafatso le tshiamo e e tokafetseng. Dithotloetso di tla tswelediwa go rotloetsa kamego ya lephata la poraefete mo tsweletsong ya temothuo le tiro ya maatlafatso.
Bogaisani jwa bogotlhe le morokotso
Maikaelelo a togamaano e ke go godisa morokotso ka bogaisani jwa bogotlhe jo bo tswelelang mo tlamelong ya seabe mo lephateng la temothuo, tlhagiso kgolo, tiro- temothuo le madirelo a bojanala - temothuo. Mabaka a le marataro a tlhomamisa sebopego sa tikologo e mo go yona lephata le gaisanang le go godisa tlholego ya mosola wa kgaisano.
Yona ke:
Ntlha ya maemo.
Maemo a topo.
Madirelo a a amanang le go tshegetsa.
Togamaano e e tiileng, kago le bobaba.
Boitshwaro jwa mmuso le pholisi.
Seabe sa sebaka.
Lengwe le lengwe la mabaka a a lebelelwang ka dikgato tsa togamaano tse di totobetseng go tokafatsa bogaisani ba temothuo.
MAEMO A LEBAKA
Maemo a lebaka a kaya mabaka a tlhagiso, go nna teng le boleng jwa metswedi ya tlholego, maemo a ditlhotlhwa tsa tse di tsentsweng jaaka bodiri, diseele(mafura), dibolaya dikokwana, metšhine, kitso le dithulaganyetso. Mabaka a a botlhokwa mo lephateng gore le gaisane ka bogotlhe le ka morokotso.
Dithuto tsa fa gautshwane di bontshitse gore ntlha ya maemo mo Aforika Borwa e thibela bogaisani mo lephateng la temothuo le lephata la tsweletso ya temothuo. Sa botlhokwa mo lebakeng le ke ditlhotlhwa tse di tsenngwang, tlhagiso ya motheo wa motswedi wa tlholego, ditshenyegelo le boleng jwa bodiri bo bo sa katisiwang, ditshenyegelo tsa bodiri jwa bokgoni, ditshenyegelo tsa tsamaiso tse di amanngwang le go hira le bodiri jwa tsamaiso, boleng jwa dithulaganyetso, ditshenyeglo tsa khepetlele le ditshenyegelo le ditshenyegelo le go nna teng ga thekenoloji.
Mo papisong le batlhagisi ba bagolo ba mabele ba lefatshe jaaka US, EU, Argentina le Brazil, Aforika Borwa e na le mo papisong mebu ya bokgoni jo bo kwa tlase, tlelaemete e e omileng e e sa iketlang, le ikonomi ya ditshenyegelo tse di kwa godimo. Mabaka a a ketefaletsa temothuo ya Aforika Borwa segolo go gaisanana le dinaga tse. Ka jalo, gore e nne mo kgaisanong, tlhopho e e buletsweng balemirui mo tlhokegong ya tshegetso ya naga ke go nna le bokgoni le go fokotsa ditshenyegelo tsa tlhagiso segolo ka go dirisa dikabelo di le mmalwa ka nonofo.
Balemirui ba le bantsi le kgwebotemothuo di dirisitse ka katlego mananeo a go rulanngwa gape, phokotso ya ditshenyegelo, tsamaiso ya bodiri bo bo tokafetseng le tiriso e e siameng ya madi jaaka karolo ya togamaano ya go fokotsa ditshenyegelo tsa tlhagiso. Le gale, seno se tlamela fela ditharabololo ka bontlhabongwe le nakwana mo dipolaseng tse dintsi tsa saese tse dinnye le tsa magareng le ditirokgwebo tsa kgwebotemothuo. Mananeo a mmuso a a nang le kamego mo go iseng ditshenyegelo tsa tlhagiso ka gotlhe kwa tlase ka jalo a tlhokega go nna karolo ya botlhokwa ya togamaano ya bogaisani.
Se se totobetseng sa botlhokwa ke mafura, dipalangwa le ditshenyegelo tsa khepetlele. Ditshenyegelo tsa dipalangwa di tlhotlhelediwa segolo ke dithulaganyetso tsa dipalangwa tse di sa lekanang di tsamaisiwa bokoa. Dikao tsa tse di akaretsa go se nne teng ga matoroko a diterena jaaka dipalangwa tsa bontsi, tlhaelo ya kgaisano ka fa gare ya mo diporong le mo ditirelong tsa boemelakepe tse di isang kwa ditirelong tse di sa ikanyegeng le tse di tlhotlhwa godimo, ditirelo tsa phofiso ya dithoto e e lekanyeditsweng e e bitsang ya tlhagiso ya temothuo, dithulaganyetso tsa bosetšhaba tsa tsela e e senyegileng e sa lekana le dithulaganyetso tse di bokoa tsa tlhaeletsano. Mabaka a, a le esi a dira ditshenyegelo tsa tlhagiso mo temothuong mo kontinenteng ya Aforika tlhotlhwa godimo gane go feta go na le mo Asia, America le Yuropa.
Mmuso o na le karolo ya botlhokwa mo go lebelelng merero e. Go fitlha fa, mananeo a a latelang a tla sekasekiwa:
Phokotso go ya pele mo makgethong le dituedisong mo diseeleng (mafura) le merwalo e mengwe.
Dithotloetso tsa sebopego sa tekanyetso sa mmuso go fokotsa ditshenyegelo tsa go fapogela mo ditlhagisong tse di gaisanang.
Didirisiwa tsa tshimologo tsa tlamelo ya matlole go thusa balemirui ba ba ša le ba ba leng teng go tsamaisa boleng jwa dikelo tsa morokotso tse di kwa godimo mo kelelong ya madi a seatleng.
Thadiso ya ditlhokego tsa dipalangwa tsa seporo mo tlhagelelong ya pholisi ya tsela go ya seporong ya temothuo.
Tiragatso ya " Pono le Khouto ya Maitsholo ya Dikamano tsa Bodiri mo Temothuong" e e kwadilweng ke temothuo e e rulaganeng, mekgatlho ya badiri le Lefapha la Bodiri, mmogo le phetogo ya mmaraka wa bodiri o o tswelelang.
MAEMO A TOPO
Bogolo, kgolo le boleng jwa mmaraka wa selegae di tshameka karolo ya botlhokwa mo go direng madirelo go nna a a gaisanang ka gotlhe. Kgaisano ya selegae e e tiileng e botlhokwa mme ke fela mo mabakeng a sewelo madirelo a sa gaisaneng mo mmarakeng wa selegae o ka nnang o o gaisanang ka bogotlhe. Fa fela kelo ya kgolo ya ikonomi e le kwa tlase go na le bokgoni jwa kelo ya kgolo ya yona, saese ya mmaraka wa Aforika Borwa le kelo ya yona ya kgolo e e bonya ya dijo le dikumo tsa faeba di tla kgoreletsa bogaisani ba temothuo. Ka jalo, botlhokwa jo bogolo jwa go tsweletsa topo ya mmaraka wa selegae, o o tsenyeletsang mme o sa lekanyediwa mo kgodisong ya dimmaraka tse di kgotsofatsang le thotloetso ya bojanala temothuo le tiro kgwebo ya magae e e seng ya polase le ditiro.
Ditšhono tsa mmaraka ka gantsi ga di a tswelela ka ntlha ya tlhaelo ya tshedimosetso. Boleng, go nna teng le ditshenyegelo tsa tshedimosetso ya mmaraka di ama ka masisi bogaisani jwa borrakgwebo ba le bantsi mo mafaratlhatlheng a temothuo - dijo. Kwa ntle ga tshedimosetso e e ikanyegang e e mo nakong, dimmaraka tsa selegae tse di ša di tswelela ka bonya thata. Mo go lebeleleng dikgoreletsi tse mananeo a a latelang a tla sekasekwa:
Tsela e e botlhale ya kgwebo ya temothuo ya motheo le lephata la temothuokgwebo le le tla tlamelang tshedimosetso e e botlhokwa ya ditshwetso tsa kgwebo le tsweletso ya mmaraka.
Tokafatso e e tswelelang ya tiro ya thuto ya tshedimosetso e e ikaegileng ka dipalo mo Lefapheng la Temothuo mo tirisanong mmogo le madirelo le Dipalopalo tsa Aforika Borwa.
Tsweletso ya dikgwebo tsa selegae tse di ša ka tirego ya sethuthusi mo mafelong a magae.
MADIRELO A A MALEBA
Go nna teng ga madirelo a a tlamelang tse di gaisanang ka bogotlhe, jaaka madirelo a merwalo, ditheo tsa ditšhelete, ditheo tsa patlisiso, dikhamphani tsa dipalangwa, batlamedi ba matheriale wa go phuthela le batlamedi ba ditirelo tsa setšhaba jaaka motlakase le metsi di na le seabe mo bogaisaning jwa lephata la temothuo.
Kokoano ya mmaraka e e oketsegileng magareng ga batlamedi ba merwalo le baabi mmogo le phekeetso e e oketsegileng ka difeme tsa bosetšhaba tse dintsi di ka ama ka fa go sa siamang bogaisani jwa lephata la temothuo. Maatla a difeme tse le tlhaelo ya kgaisano mo teng ga lephata di ka isa mo ditlhotlhweng tse di kwa godimo tsa kgabaganyo ya merwalo. Mo lebakeng le Mmuso o tla tlhokomela ditiro tsa kgaisano mo merwalong ya temothuo le madirelo tsa go aba le fa go tlhokegang, go thadisiwe maemo a kelotefo kana go diragatsa Molao wa Kgaisano.
Maiteko go bula bokgoni jwa kgolo ya dikumo tsa temothuo ya motheo go tswa mo ntlheng ya gore ditlhotlhwa tsa motlhagisi tsa dikumo tsa motheo jaaka mabele le peo ya oli di oketsega ka kelo e e bonya go na le ditlhotlhwa tsa teng tsa merwalo mo nakong e e rileng. Tiro ya batlhagisi ke go oketsa bokgoni jwa tlhagiso ya bona ka thapo e e nonofileng e ntsi ya merwalo le dithekeneki tsa tlhagiso. Seno se kaya gore tsela go ya tlhagisong e ntsi le bogaisani bo bo tokafetseng di letse mo go nneng teng ga merwalo ya kgaisano le tiragatso ya thekenoloji ya tlhagiso e e tokafetseng. Nonofo e e oketsegileng e ikaegile ka tiragatso ya thekenoloji e e tokafetseng. Patlisiso ya temothuo, katiso le ditheo tsa katoloso ka jalo di botlhokwa mo lephateng.
Ditheo tsa ditšhelete ke kgolagano ya botlhokwa mo go tlhomamiseng bogaisani jwa lephata. Balemirui ba khomešiale ka gale ba direlwa sentle ke dibanka tsa khomešiale le Banka ya Lefatshe. Ditheo tse, le gale di na le diphitlhelelo tse di lekanyeditsweng le ditirelo mo baaging ba ba humanegileng. Go feta foo, balemirui ba le bantsi ba bannye ba ikgatholositswe go tswa ditirelong tsa ditšhelete tse dintsi. Ka ntlha ya thalotlhakore e e kotsi e e kwa godimo e e akanngwang, e e akaretsang magareng ga tse dingwe, tlhaelo ya tsamaelano e tla re ka jalo ya rotloediwa. Tlhomo ya ditheo tse di ikaegileng mo selegaeng le ditšhelete tse dingwe tse di tla tsenyeletsang dipolase tsa tirelo ya ditšhelete le dibanka tsa motse, di tla godisiwa.
TIRAGATSO YA TLAMELO E E LOMAGANENG
Maemo a a laolang ka fao dipolase le dikgwebotemothuo di tlholwang, di rulaganngwangle go tsamaisiwa le boleng jwa bobaba jwa selegae, a na le kamego ya botlhokwa mo bogaisaning jwa lephata. Tikologo ya bogaisani bo bo utlwalang mo lephateng ka tiragatso e e dirang ya pholisi ya kgaisano, tsamaiso ya kgwebo e e siameng le bokgoni di tshwanetse go tlhomamisiwa. Dikgono tsa tsamaiso tsa balemirui le maatla a mmaraka wa bareki ke mabaka a a botlhokwa thata mo katlegong ya bogaisani jwa lephata la temothuo - dijo. Dikeetane tsa mabenkele di nnile dikgolo le go nna maatla mo go reirisaneng le go tlhomamisa ditlhotlhwa tsa motlhagisi tsa selegae le boditšhabatšhaba. Balemirui ba nnile ka lebaka leo ka fa phefong mo ditherisanong tsa tlhotlhwa. Go tokafatsa maatla a puisano a balemirui, go nnile botlhokwa go bopa dikgwebisano le dikamano tsa botshepegi bo bo emeng ka go sa feleng magareng ga bannaleseabe ba ba farologaneng mo keetaneng e e tlamelang le go godisa tlhotlheletsano ya tlamelo ya keetane go dumelela ditšhono go oketsa boleng. Dikgato di tla tsewa go rotloetsa tsweletso ya dikgwebisano tsa keetane ya tlamelo tse di gaisanang ka fa teng ga ditlhopha tsa phatlho tse dikgolo.
TIKOLOGO E E KGONTSHANG PHOLISI
Tlhotlheletso ya mmuso e ka nna e e siameng kana e e sa siamang, go ya ka dipholisi tsa yona, mananeo le ditsela tsa go dira. Temogo e teng mo bonnong bongwe jwa setlhopha sa temothuo gore dipholisi dingwe tsa mmuso le tlhaelo ya tiragatso e e nonofileng ya mananeo a mmuso ke dikgoreletsi mo bogaisaning jwa temothuo le madirelo a temothuo - dijo. Fa ditemogo di farologana magareng ga balemirui ba khomešiale ba ba leng teng le magorogo mašwa mo lephateng, go na le tumalano gore go sa lekaneng le makgaokgao a ditirelo dingwe, taolo e e bokoa le maikarabelo mmogo le ditshwetso tsa khuduthamaga tse di bokoa ga mmogo le tiragatso e e bonya ya ditshwetso tsa khuduthamaga ke merero e e tlhokang tlhokomelo ya ka bonako. Mmuso o tla re ka jalo wa naya tlhokomelo e e rileng go ditokafatso kwa maemong otlhe a tirelo ya go gorosa.
TSAMAISO YA KOTSI
Temothuo ke go ya ka tlhaloso madirelo a a lebanweng ke kotsi ka mokgwa wa dipharologano tsa tlelaemete, disenyi, bolwetse le dikotsi tsa tlhotlhwa mmogo le matlhotlhapelo a tlholego jaaka dikomelelo le merwalela. Mo ditennye tsa Aforika Borwa HIV/AIDS, bosenyi, dikelo tsa nnete tsa morokotso tse di kwa godimo tse di fetofetogang, matlhotlhapelo a tlholego, ditlhotlhwa tse di sa itsetsepelang tse di bakwang ke tlelaemete e e sa bonelweng pele ke mabaka a magolo a botlhokwa a a oketsang ditshenyegelo le go gapeletsa bogaisani mo temothuong - dijo le mafaratlhatlha a faeba.
Togamaano ya tsamaiso e e kotsi e e dirang e botlhokwa kwa kgodisong ya didirisiwa tsa tsamaiso ya kotsi jaaka dikumo tsa inšorense ya dijalo, tshireletso ya letlotlo le mmaraka wa isago wa temothuo. Karolo e nngwe ya togamaano ya tsamaiso ya kotsi e e akaretsang ke tsela ya e sale gale ya go kgalema e e tsenyeletsang phitlhelelo e e lekaneng go ya le tiriso ya tshedimosetso ka nako, e e nepagetseng, e e maleba ka maemo a bosa. Fa seno ga jaana se sa dirwe mo go lekaneng, tshedimosetso e e jalo go tla dirwa jaanong gore e nne teng ka tshedimosetso ya ditikatiko tsa magae ka Tsela ya Tshedimosetso ya Thutalefatshe ya Temothuo. Mmuso o tla godisa tiriso e e bulegileng ya tsela e ya tshedimosetso ka batlamedi ba bangwe ba tshedimosetso.
Phunyego ya bolwetse jwa molomo le tlhakwana le mala a karnala e gateletse botlhokwa jwa go mekamekana mo go nonofileng le disenyi, malwetse a phologolo le semela. Taolelo e e sa lekanang le letlhomeso la go tlhoma ( sk. Ditlamego tsa boditšhabatšhaba tse di oketsegang, maikarabelo a a aroganeng, bokgoni jwa kalafi ya diphologolo bo bo koafetseng le go se nne teng ga dithulaganyetso), mmogo le bokgoni jwa tlhatlhobo bo bo makgaokgao le go sa lekanang di tlogela lephata le le senotswe.
Tirego ya jaanong ya kagolešwa ya taolo ya dijalo le boleng le ditirelo tsa kalafi ya diphologolo ke kgato ya ntlha go lebelela bothata bo. Tirego e e tla tswelela e kopane le pholisi le thadiso ya semolao ya tsamaiso ya naga ya malwetse a dijalo le diphologolo. Mo tlaleletsong, porotokolo ya go dirana le tshoganyetso ya SPS le merero ya boitekanelo ya dijalo le diphologolo e a dirwa, jaaka go ntse ka tlhomo ya mokgatlho o o ikemetseng wa dijo o o babalesegileng ka bokgoni bo bo oketsegileng jwa taolo e e tokafetseng. Mo kakanyong ya go tsamaela kwa dtiragalong ya kgwebo e e gololosegileng mo kgaolong ya SADC, Aforika Borwa e tla etelela pele mo go godiseng tirisanommogo ya kgaolo mo mererong ya SPS (go agiwa ga bokgoni, go tlhola kutlwano ya maemo le ditsamaiso, jj.).
Kotsi ya tlhotlhwa go ya ka tlhaloso ke karolo ya mmaraka wa temothuo o o tlosang taolo mo kgwebong. Go dirana le kotsi ya tlhotlhwa ka go dirisa didirisiwa tsa tsamaiso tse di farologaneng tsa kotsi jaaka mmaraka wa isago o tla nna botlhokwa kwa balemiruing botlhe. Mmuso, ka tirisanommogo le lephata la poraefete, o tla kgakola katiso e e akaretsang le lenaneo la tsiboso magareng ga balemirui go rotloetsa tiriso ya didirisiwa tsa tsamaiso ya kotsi jaaka mmaraka wa isago wa temothuo. Mmaraka le kotsi ya tlhotlhwa le tsona di fokoditswe ka tshedimosetso ya mmaraka o o siameng o le mo nakong. Fano, Mmuso, ka bokgoni jwa dipalopalo tsa ona, o sa ntse o na le karolo ya botlhokwa go e tshameka, fa maiteko a mangwe jaaka tlholego ya gautshwane ya Tsela ya Matlhale a Kgwebotemothuo a tla rotloediwa le ona. Maiteko a a tla tlamela balemirui le dikgwebotemothuo ka matlhale a mmaraka a a tlhokegang go tsaya ditshwetso tsa kgwebo tse di nang le maikaego le go fokotsa mmaraka le kotsi ya tlhotlhwa.
Aforika Borwa ga jaana ga e na dikema tsa tshegetso tsa temothuo tse di ineetseng e bile ga go na dikago tsa setheo tse di dirang leruri tsa tsamaisao ya matlhotlhapelo. Go ikaegilwe ka se tlholego ya bokgoni jwa setheo go diragatsa tsamaiso ya matlhotlhapelo le go tlhoma dikema tse di akaretsang go mekamekana le matlhotlhapelo jaaka merwalela, melelo le dikomelelo mo lephateng la temothuo di mo tseleng. Dikema tse di ntseng jalo di ka tsenyeletsa dikema tsa lotseno lwa go lekanya le mananeo a inšorense ya kotsi a a tla rulaganngwang ka kgwebisano le magareng ga Mmuso, balemirui le difeme tsa inšorense tsa poraefete.
Kwa bofelong, maiteko a mmuso wa ga jaana go tsamaisa leroborobo la HIV/AIDS, go thibela botlhokatsebe, le go tlhomamisa ikonomi ya makero go tlhomama go tla okediwa go fokotsa mabaka a mangwe a kotsi kwa lephateng.
KGWEBISANO YA BODITŠHABATŠHABA
Go oketsa bogaisani go tshegeditswe ke tlhokego ya tsweletso ya kopano ya lephata mo ikonoming ya bogotlhe mme go bontshiwa ke bokgoni jwa teng jwa go rekisa dikumo tsa teng mo dimmarakeng tsa lefatshe. Seno se ka nna le seabe mo kgolong ya ikonomi e e kwa godimo ka go oketsa phitlhelelo ya mmaraka.
Dikgato tsa mmuso go tshegetsa ditšhono tsa kgwebo di botlhokwa fela di tla tlhoka go lebelela tshegetso e e feteletseng le tshireletso kwa temothuong ya lefatshe, dimmaraka le bodipolomate jwa kgwebo go lekalekanyetsa lepatlelo la boditšhabatšhaba la temothuo ya Aforika Borwa.
Temothuo ya Aforika Borwa e tshwanetse go lepalepana le tikologo e e tshwanololwang ke maemo a a golang a ditshutiso go ya temothuong, dikelotefo tse di kwa godimo tse di golang le tlhaelo ya ponalo ka dinaga tse di tswelelang. Dimmaraka mo dinageng tse di tshwanololwa gape ke dikgoreletsi tsa tlhoka dikelotefo mo ditebegong tse di farologaneng jaaka semela se se mafaratlhatlha, phologolo le dikgato tsa boitekanelo jwa motho. Ditsamaiso tsa selegae le ditaolo tsa molelwane ka gale ga di a lekana go mekamekana le go latlha, thomelontle e e seng ka fa molaong mmogo le tiragatso e e sa lekanang ya SPS le dikgato tsa tswalelo kwa matsibogong a botseno. Dikgato tsa selegae tsa SPS le maemo di rile mo nakong ya gautshwane e e fetileng tsa se ka tsa tshwara matsobane le kgolo ya diromelwateng le diromelwantle, fa ditlhokego tsa madirelo malebana le merero ya SPS ka gantsi e sa newa botlhokwa bo bo elediwang ke Mmuso kana di nna setlhabelo sa ditiego tsa nako tsa ditshenyegelo.
Setso se se tlwaeditsweng thomelontle se a tlhaela gotlhe le mo dikarolong tsa temothuo ya Aforika Borwa le ditlholego tsa dikhansele tsa thomelontle tsa temothuo ke maiteko a a batlang e le a jaannong. Tshegetso e e ineetseng kwa thomelong ntle ya temothuo e ntse e tlhaela fa e sale go tlosiwa ga sekema sa thotloetso ya thomelontle sa kakaretso ka 1997.
Sa botlhokwa, letlhakore la tlhagiso ya tlhokego (k.g.r. go tlosa dikgoreletsi tsa phitlhelelo ya mmaraka le kgaisano e e sa siamang) mmogo le letlhakore la tlhagiso ya phepo (k.g.r. kgodiso ya thomelontle) a a tlhokega go kotula ka botlalo ditshiamelo tsa ikonomi tsa kgwebo ya boditšhabatšhaba. Seno e tla re mo kgabaganyong sa tlhoka tse di latelang:
Thulaganyo e e botoka magareng ga bothati bo bo maleba mo DTI le DOA.
Botsayakarolo bo bo dirang mo go WTO go lebelela tshegetso e e feteletseng le e e sokameng le tshireletso ya temothuo ya lefatshe.
Maiteko a kgodiso ya kgwebo ka boitshupo jwa boAforika Borwa jo bo tiileng (k.g.r. Tsa Aforika Borwa ka Mabela), maina a letshwaokgwebo la boleng bo bo kwa godimo le tshegetso e e ineetseng ya mafaratlhatlha a madirelo a temothuo (sk. Kgodiso ya mmaraka wa thomelontle le ditshireletsego tsa kerediti).
Tshekatsheko ya ditshenyegelo tsa ditshiamelo tse di siameng tsa ditiro tsa kgwebo mo tiregong ya go bopega le/kana e konoseditswe.
Pholisi ya tshireletso ya kelotefo e e bonalang le e e lekanyang e e isang kwa lephateng la temothuo, le khutshwafatso ya ditirego tse di maleba tsa kelotefo.
Tirisanommogo ya kgabaganyo molelwane mo sk. SADC e e gabileng go bona bogolo jo bo masisi mo tiregong ya thomelontle, phatlhalatso le go bapatsa kana go fokotsa ditshenyegelo tsa yuniti ka dipeeletso tse di kopantsweng tse di amanang le patlisiso ya kgwebo e e totobetseng.
Ditaolo tsa molelwane tse di nonofileng go lwantsha dithomeloteng tse di seng ka fa molaong, ditiro tsa thomeloteng tsa bofora mmogo le tiragatso e e bokoa ya SPS le dikgato tsa tswalelo le melawana ya tlholego. Mo tebesisong ya merero e Mmuso o setse o le mo tiregong ya go tokafatsa tirelo ya tlhatlhobo ya teng, go oketsa badiri kwa melelwaneng le go thusa SARS mo go tsosoloseng ditlamelwana tsa botseno molelwane gape. Mo tlaleletsong Mmuso o tla fokotsa botseno molelwane mo go tseneng ga dithoto tsa temothuo go ya dipalong tse di laolegang le go tlhomamisa gore tsotlhe di golagantswe ka eleketeroneki le Kantoro Kgolo.
Mo kgatong e e pejana ya go tokafatsa ditšhono tsa kgwebo tsa boditšhabatšhaba tlhokomelo e tla tsepamisiwa mo go tokafatseng bokgoni le go tlhaloganya dikgato tsa phepafatso le phepafatso ya semela. Mo lebakeng le, Mmuso o tla kgakola khampheine ya botlhokwa e e amanang le kgwebo go tshwaragana ka matlhagatlhaga pele le go tlhoma dikamano le bothati jwa SPS mo dimmarakeng tsa thomelontle tse dikgolo le bokgoni le go tlhomamisa gore a dikgato di ikaegile ka saense, o dirile go utlwala mo maemong a boditšhabatšhaba le gore temogo e e kopanetsweng e a diragadiwa. Go ya pele, Mmuso o tla tshwaragana ka kopano le balekane ba SADC mo mekgatlhong ya go tlhoma maemo a boditšhabatšhaba ka pono ya go tlhola maemo a a laolegang fela e ikaegile mo motheong wa saense ya boditšhabatšhaba.
Mmuso o tla godisa tlwaelo ya thomelontle le go tsamaisa ditirego ka fa gare ga maphata a thomelontle a a maleba go oketsa bogaisani mo dimmarakeng tsa thomelontle ka Khansele ya Thomelontle le Ditlhopha tsa Kgato tse di Kopaneng.
Lenaneo go godisa ditšhono tsa kgwebo tsa baagi ba ba humanegileng ba magae (lenaneo la thomelontle le le eteletsweng pele ke phokotso ya lehuma).
Tsamaiso ya motswedi wa leruri
Maikemisetso a togamaano e ke go oketsa bokgoni jwa balemirui go dirisa metswedi ka mokgwa wa leruri le go tlhomamisa tiriso e e botlhale le tsamaiso ya metswedi ya tlholego. Seno se tla tlhoka kakanyo ya nako e telele ka pono e e bonalang le boleng tse di tla kaelang tiriso ya jaanong ya metswedi go tlhomamisa kamogelo ya bona ya nako e telele. Togamaano e e tla nna le kamego mo tlhokomelong ya lefatshe, kabo gape ya lefatshe, tiriso ya lefatshe mo tikologong ya motsesetoropo, go kgaoganya lefatshe la temothuo le le nang le bokgoni bo bo kwa godimo, tshomarelo ya mafelo a lefatshe a a masisi, bomefutafuta jwa baoloji le mekgwa ya metsi, jj.
Pinagare kwa togamaanong e ke go somarela bomefutafuta jwa temothuo le go godisa tiriso e e tswelelang ya mmu le metsi ka koketsego ya tlhagiso ya dijalo le leruo mo mekgweng ya temothuo e e tsenetseng le go tswelela go feta. Botsayakarolo jwa molemirui ke ntlhakgolo kwa katlegong ya togamaano. Mo tlaleletsong ditlhagiso tse di matlhagatlhaga go golaganya tsamaiso ya motswedi wa tlholego go tshegetsa mananeo go ka tlamela maemo a phenyo matlhakoreng otlhe a a ka feleletsang mo ditshiamelong tsa ikonomi tsa nako e khutshwane tsa balemirui mme ka nako e le nngwe ba na le seabe kwa maikemisetsong a nako e telejana ya go somarela motheo wa motswedi wa tlholego.
Kwelotlase ya metswedi ya mmu le metsi e tlhagisa letshogo le le masisi kwa nageng. Ditogamaano di tlhoka go rulaganngwa go fenya dibaka kwelotlase. Dikago tsa tshegetso tse di tiileng tsa setheo le phetogo ya koketso kwa ditirong tsa temothuo tse di leng teng di tla tlhoka go tokafatsa tiriso ya mmu le metsi. Go tlhagisa mekgwa ya bolemirui e e maatla e e oketsegileng ka ditsela tsa thefosano tse di rulagantsweng sentle di ka dira kabo e kgolo mo lebakeng le.
Mananeo a mmu, metsi le tshomarelo a tla lebisiwa mo mafelong koo go nang le sebaka se se utlwalang sa katlego; koo kgatelelo ya setšhaba e leng kwa godimo, tšhono ya ditshenyegelo tsa bodiri di leng kwa tlase, tshireletso ya lefatshe e le kwa godimo, dithekenoloji tse di ungwang di leng teng le koo go nang le phitlhelelo kwa dimmarakeng, dikakgelo le ditirelo. Ka mokgwa oo tiragatso e e atlegileng ya ditirelo tsa tshegetso ya temothuo e ka dira seabe se se nang le bokao kwa tirisong e e tswelelang le tsamaiso ya metswedi ya tlholego.
Mananeo go ya pele a ga jaana a lebelelwang go tokafatsa tsweletso ke:
Tsweletso ya ditogamaano tsa semela se se ungwang tse di tshegetsang le go oketsa bomefutafuta jwa dipharologantsho tsa tsalo.
Mo tshomarelong ya situ ya ditshedi tsa temothuo tse di nyelediwang le dipharologano mo mekgweng ya temothuo e e dumalanang le ikonomi.
Peeletso mo dithulaganyetsong le ditirelo go tshegetsa tiriso ya lefatshe e e tswelelang.
Tsweletso ya togamaano ya thekenoloji ya ditshedi go direla bomosola bo bo gaisang jwa nako e telele jwa Aforika Borwa le batho ba teng.
Go rotloetsa tlhagiso ya temo ya ditshingwana ka mabaka a boitekanelo le lotseno.
Go baya tlhagiso le tsweletso mo teng ga letlhakore la tsela ya bolemirui. Seno se tshegetsa mo tikologong ditsela tsa tlhagiso tse di botsalano, go tsenyelediwa tlhagiso e e lomaganeng, tsamaiso ya dijalo tse di lomaganeng le temothuo ya go bodisa.
Mananeo a a tsepameng le ditiro di tla lekanngwa ka tebo ya bogotlhe le ditheo tsa tsamaiso e e tswelelang ya metswedi ya tlholego.
Ditogamaano tsa tlaleletso
Dielemente tse di faroganeng tsa ditogamaano tsa botlhokwa (k.g.r. tekano kgaisano le ditogamaano tsa tiriso ya metswedi tse di tswelelang) di a putla le go kgabaganya mme di tla nna le seabe mo go tlholeng le go busetseng go itshepa mo temothuong. Mmuso o tsaya go itshepa go le botlhokwa mo kgolong ya isago ya lephata. Ka seno mo kakanyong ditogamaano tse di latelang tsa botlhokwa tse di tshegetsang le go kgontsha di lemogilwe:
Taolo e e Siameng.
Tsweletso ya Magae e e Tswelelang e e Kopaneng.
Kitso le phetogo.
Tirisanommogo ya Boditšhabatšhaba.
Pabalesego le Tshireletso.
Ditogamaano tse di botlhokwa gonne di tlamela motheo wa botlhokwa o kwa ntle ga ona maikaelelo a togamaano a kgaisano, a a tsenyeletsang le temothuo e e tswelelang di ka se fitlhelelweng. Ditogamaano tse di tla newa maemo a pele mme jaanong di tlhalosiwa go ya pele ka botlalo.
Taolo e e siameng
Theo ya taolo e e siameng ke kgolagano ya bogotlhe e e ralalang leano la togamaano lotlhe. Ga e dire fela mo Mmusong mme kwa bannaleseabeng botlhe ba bangwe mo lephateng. Mo Mmusong letlhomeso la taolo e e siameng go aga lephata la temothuo la setšhaba le le bonalang le le tshwaraganeng, le le tlwaetsweng ke badirisi le tla nna la ntlha kwa godimo go tlhomamisa motheo o o utlwalang wa go fitlhelela maikaelelo a togamaano.
Karolo e kgolo ya togamaano ya taolo e e siameng e tla nna kgwebisano mo lebakeng la ntlha Mmuso o tla tsweletsa letlhomeso la dikgwebisano magareng ga setšhaba le lephata la poraefete le Mekgatlho e e seng ya Mmuso go diragatsa kwa dielementeng tse di botlhokwa tsa togamaano ya lephata, e bong tekano, bogaisani le tsweletso. Letlhomeso le le tla tsenyeletsa tse di latelang:
Diporotokolo tsa taolo ya tirisanommogo magareng ga le ka fa teng ga didiko tsa mafapha a mmuso.
Boemo jwa kgoroso tirelo go ya ka pholisi ya kgoroso ya tirelo ya Mmuso wa Batho Pele.
Kgwebisano magareng ga Mmuso le ditlhopha tsa phatlho le mekgatlho ya balemirui.
Kgaolo mo Leanong la Tsweletso e e Golaganeng go kaela Mebuso ya Selegae mo dintlheng tsa togamaano tse di amanang le temothuo.
Ditumalano tsa motsholadišere magareng ga Mmuso le dikarolwana tsa setšhaba jaaka Khansele ya Bosetšhaba ya Temothuo e e Bapatsang, Khansele ya Temothuo ya Patlisiso, le Banka ya Lefatshe.
Ditumalano tsa kgoroso ya tirelo magareng ga mebuso ya porofense le dikarolwana tsa bosetšhaba tsa batho.
Mananeo a bosetšhaba a mmuso a kago ya bokgoni go tshegetsa dikarolwana tsa setšhaba, porofense le mebuso ya selegae.
Boleng le nonofo ya ditirelo tse di dirilweng ke Mmuso di tla nna botlhokwa mo go fitlheleleng maikemisetso a lephata la temothuo le le nang le kemedi go feta. Ditirelo tsa mmuso tse di rileng le dipholisi le tsona di botlhokwa mo go tokafatseng bogaisani mo lephateng. Dikao ke letlhomeso le le utlwalang le le dirang go laola le taolelo e e dirang ka kakaretso. Ka lebaka le porotokolo ya tsamaiso ya tirelo e ntšha e tla kwalwa gore go okediwe bomasisi le maikarabelo a setšhaba sotlhe le tirelo ya poraefete e e tlamelelwang kwa balemiruing le ditlhokego tsa kgwebotemothuo. Boleng jwa go ntshetsa ditirelo kwa ntle bo tla lebelelwa. Koketsego mo nonofong le go obegeng e tla bonwa ka go tlosa mo bogareng, go tsenya mo konterakeng le go amogana ditshenyegelo tsa ditirelo. Tebelelo e e kgethegileng go fitlha fa e tla newa tse di latelang:
Go tlhopha karolwana ya selegae go amogela maikarabelo a a seng mo bogareng.
Go tlhoma theo ya semolao le ya konteraka ya tholelo ya maikarabelo le kelelo ya matlotlo.
Go rulaganya melawana "ya motshameko" ya setheo.
Go siamisa ditumalano tsa boemo tsa dikarolwana tse di konterakilweng.
Go tlhoma dikaelo tsa borutegi.
Go tlhoma konteraka ya boemo le ditsamaiso tsa tshenkelo.
Go tlhoma theo ya gore motsayakarolo ka go rata mo tiregong.
Go tlhoma ditlamorago tsa go se nne le seabe.
Maikaelelo a mangwe a togamaano ya taolelo e e siameng ke go baya Mmuso jaaka mogwebisani yo o tshepegang, yo o tsepameng le dipolase le mananeo a ka akanyediwang pele tse di ka tlhomamisang kgoroso le ditshiamelo tse di rategang tsa temothuo. Dikgato tse di totobetseng tse di tla diragadiwang go fitlha bofelong di tla akaretsa tse di latelang:
Go rulaganya gape gore Tona/Tonakgolo a tsene mo Khanseleng ya Ditona tsa Temothuo go kaela tsamaiso ya ditiro tsa mmuso mo go fitlheleleng maikemisetso a lephata la temothuo mo nageng.
Go rulaganya gape Komiti ya Kgabaganyo mo mmusong mo Temothuong jaaka Komiti ya Tsamaiso ya Temothuo.
Maikaelelo a bofelo a togamaano ya taolelo e e siameng ke go aga tlhagiso e e tshwaraganeng le e e rulagantsweng sentle go lemoga, go tsamaisa le go amogana kitso ya temothuo le dithoto tsa tshedimosetso tsa lephata la setšhaba. Dintlha tse dikgolo di tla tsenya tsweletso ya kaelo, Letlhomeso la setheo le ditirego tsa tsamaiso ya kitso mo temothuong.
Diporotokolo tsa taolelo ya tirisanommogo ya kgabaganyo mmuso di tla, magareng ga tse dingwe, di tlhagise letlhomeso la semolao la dikamano tsa kgabaganyo mmuso mo temothuong; go tlhalosa diabe le maikarabelo magareng ga mafapha a bosetšhaba le a porofense a temothuo le mmuso wa selegae. Go tlhoma letlhomeso go kaela le go tsamaisa kago, go lekanya, tiragatso, go tlhokomela le go sekaseka dipholisi le mananeo; go tlhoma letlhomeso la thulaganyo e e tshwaraganeng ya thulaganyo ya kabo tekanyetso le ditshenyegelo; go tlhagisa mokgwa wa tsamaiso ya tshedimosetso; go tlhagisa letlhomeso le ditlwaelo le boemo tsa maano a tsweletso ya motswedi wa motho le tiragatso; le go tsamaisa go aga bokgoni jwa setheo tsa diPDA le mebuso ya selegae.
Porotokolo ya kgwebisano ya baagi-setšhaba-poraefete, ka fa letlhakoreng le lengwe, e tla lebelela mo go tlhomamiseng gore mogwebisani wa loago mongwe le mongwe yo o amegang mo tiregong e o rotloediwa go aba sengwe. Porotokolo e tla tlhomamisa gape gore bagwebisani ba loago ba rotloediwa go tshameka karolo ya kwa pele mo mafelong a a batlang fa go bapisiwa e ba rata. Go fitlha fa, Mmuso o tla akaretsa ka kakaretso mafelo a dithoto tsa setšhaba le ditirelo jaaka pholisi, peomolao, melawana, dithulaganyetso tsa setšhaba le ditirelo. Mo karolong ya teng, madirelo le balemirui ba tla solofelwa go nna le seabe kwa tsweletsong le tsamaisong e e nonofileng ya dikgwebo tsa bona le mekgatlho ya kemedi le go tlhagisa dikgatlhego tsa bona kwa Mmusong. Dikgwebokgolo di solofelwa gape magareng ga Mmuso, madirelo le balemirui foo go seng ope yo o ka tsayang kgwebo a le esi. Mangwe a mafelo a a amegang a tsenyeletsa tsweletso ya motswedi wa motho, tlamelo ya ditirelo tsa katoloso, thulaganyo le tsweletso ya mekgatlho ya molemirui le patlisiso le phetiso ya thekenoloji.
Kwa bofelong, Mmuso o mo tiregong ya go tlhoma letlhomeso la boemo jwa tsamaiso ya tirelo, le le tla itsesiweng kwa bagwebisaning ba loago le setšhaba ka kakaretso. Go ya ka pholisi ya Batho Pele mo tsamaisong ya tirelo, maikaelelo a boemo jwa tsamaiso ya tirelo ke go kgontsha bagwebisani ba loago le setšhaba go tlamelela Mmuso go ikarabelela ditirelo tse o itlamileng go di tlamela le kwa maemong a boemo jwa boleng bo bo solofeditsweng.
Tlhabololo ya magae e e tshwaraganeng ya leruri
Maikemisetso a togamaano ya Togamaano ya Tsweletso ya Magae e e Tshwaraganeng le ya Leruri (ISRDS) ke go fetola Aforika Borwa ya magae go nna lephata le le ikemetseng mo ikonoming, le ikemetse mo loagong le le utlwanang le le nang le seabe sa botlhokwa kwa GDP ya setšhaba. ISRDS ka jalo e tla nna mosola mo temothuong le lephata la magae lotlhe.
Letlhakore la togamaano le thulaganyo e lephata le nang nayo malebana le ISRDS ke kgodiso ya mafelo a a latelang a a leng botlhokwa mo temothuong:
Tsweletso ya ikonomi ya loago ka tlhokomelo e e rileng e e beilweng mo ditoropong tsa magae, ditikatiko tsa tirelo le metse.
Go tiisetsa phorofaele le seabe sa temothuo le madirelo a a amaneng mo tiregong ya Thulaganyo ya Tsweletso e e Tshwaraganeng segolo ya bothati jwa mafelo a selegae.
Tlhokomelo e e kgethegileng e e newang kgodiso ya lotseno lwa dikokomane le ditiro tsa matlhagatlhaga tsa basadi, bašwa le ba bogole ba segolo ba gabileng go fitlhelela ditlhokego tsa malapa a a humanegileng le ditlhokego tsa mmaraka wa selegae.
Bogare jwa tsweletso ya magae..
Thulaganyo ya bonno jwa magae go naya manno dipaterone tsa bonno tse di ntšha tse di dikologang fa e sale tloso ya melao ya bonno jwa kgethololo le go tlhaba ga taolelo ya morago ga temokerasi ya 1994.
Mmuso o o tiileng o tshegetsa le ka go ineela go diragatsa ka katlego Togamaano ya Tsweletso ya Magae e e Tswelelang e e Tshwaraganeng (ISRDS) e e botlhokwa kwa katlegong ya leano la lephata le. Togamaano e tla sola bahumanegi ba magae ka kakaretso, fela maiteko a a rileng a tla dirwa go lebelela basadi, bašwa le ba bogole. Lephata la temothuo le le atlegileng le tla bopa katoloso ya botlhokwa ya tsweletso ya magae a a tswelelang e e tshwaraganeng le semenogane.
Kitso le boitlhamedi
Ikonomi ya lefatshe e tsweletse go fetolwa ka bonako go ya mo kitsong le mafaratlhatlheng a ikonomi. Mo lefatsheng le, boitlhamedi le kitso tsa maemo a a kwa godimo di botlhokwa thata tebang le tlhabololo e e botlhokwa mo bogaisaning jwa leruri le go bona dipoelo. Ke ka mabaka a gore bagwebisani ba togamaano ba baya saense le thekenoloji jaaka togamaano ya botlhokwa e e tlaleletsang. Maikaelelo magolo a togamaano e ke go oketsa bokgoni jwa ponelopele le phetogo ya batsayakarolo le go golaganya tse le lefelo la papatso la isago.
Seno se tshwanetse go isa kwa peeletsong e e oketsegileng le tiriso ya dikumo tse di tsweletseng pele thata tsa ga jaana go tswa patlisisong, katisong le mekgweng ya katoloso. Ka go diragatsa togamaano e lephata le leka go dirisa patlisiso e kgolwane le mananeo a thuto a a maleba go godisa dithekenoloji tsa botlhokwa tsa togamaano, (thekenoloji ya ditshedi, tshedimosetso, tlhaeletsano) le tlhatlhamano ya dithekenoloji tse di tlaleletsang boleng go tlhagisa boleng jwa isago. Sa bofelo se tla oketsa bogaisani bo bo tswelelang jwa dikumo tsa Aforika Borwa mo lefatsheng la dipapatso le go thusa go fitlhelela ditlhokego tsa pabalesego tse di tlhoko ya dijo e e gatisediwang ke dinaga tsa Bokone.
Kgato e e rileng e e tla diragadiwang ke ya go tsholetsa peeletso mo patlisisong ya temothuo, thuto le katoloso go tswa maemong a a kwa tlase a ga jaana a 1,04% a kabo ya temothuo go ya go Kumo ya Bosetšhaba Ya Bogotlhe go fitlhelela selekanyetsi sa boditšhabatšhaba ya 3% sa temothuo ya GNP, e e bapisiwang go 3,7% mo USA; 4% mo Australia, le 2,1% mo EU, gore go fitlhelelwe kgwetlho go ya lephateng le le beilweng ke Mmuso le ditsweletso tsa bogotlhe ka kakaretso. Go fitlha fa, tlhokomelo e e rileng e tla isiwa kwa go:
Godiseng tirisanommogo magareng ga ARC, Yunibesithi ya Magorothuto a Temothuo, Mafapha a Porofense a Temothuo, kgwebotemothuo le ditheo tsa patlisiso ya temothuo tse dingwe go lebelela gape ditogamaano tse di kwa pele, phetogo le patlisiso e e tlwaetshegang.
Tlhomeng Mokgwa wa Bosetšhaba wa Patlisiso ya Temothuo go tshwaraganya, go rulaganya le go golaganya patlisiso ya temothuo le madirelo le mekgatlho ya boditšhabatšhaba ya patlisiso ya temothuo le ditirelo tsa katoloso.
Go sekaseka gape theo ya kabelo matlotlo go godisa dikgwebisano magareng ga ditheo tsa patlisiso ya temothuo, diyunibesithi le lephata la poraefete.
Mo dingwageng mokgwa wa Aforika Borwa wa patlisiso ya temothuo o tlhagisitse dipoelo tse di kgatlhisang go sa kgathalelwe tebelelo letlhakoreng la tshekamelo ya balemirui ba sekale segolo, mme go na le ka jalo ngangisano e e tsamaelanang le tshegetso go ya pele ya "mofenyi yo o itsegeng". Kwelotlase mo pakeng ya dingwaga tse di lesome mo peeletsong gotlhe mo patlisisong ya temothuo le tsweletso ya thekenoloji ga e fitlhelele kgwetlho e e tlhagisiwang ke Moporesidente wa tsweletso ya thekenoloji le go baya mo bogareng ga lephata jaaka moeteledipele mo ikonoming ya magae. Mmuso o tla oketsa kabo matlotlo a patlisiso ya temothuo go godisa tokafatso e e tswelelang mo bogaisaning le boeteledipele mo tshedimosetsong, tlhaeletsanong le thekenolojing ya ditshedi e e botlhokwa mo isagong ya temothuo ya Aforika Borwa.
Ditshenyegelo tse di kwa godimo tsa go bona thekenoloji di ka fenngwa ka kopano ya dikgwebokgolo le R&D le madirelo a thekenoloji. Seabe sa ketelelopele sa Mmuso malebana le se se tla akaretsa:
Go tlhomamisa gore maiteko a patlisiso ya temothuo ya ARC, Yunibesithi ya Magorothuto a Temothuto, diPDA le ditheo tsa temothuo tse dingwe di rulaganngwa le go lebelela ditogamaano tsa kwa pele tse di kobileng bogaisani bo bo tswelelang. Tirego ya ga jaana ya go tlhoma Mokgwa wa Bosetšhaba wa Patlisiso ya Temothuo o tla nna le se jaaka nngwe ya maikemisetso a teng.
Go tlhomamisa gore ikonomi, loago le ditlamorago tsa tikologo di a lebelelwa mo tsweletsong ya dithekenoloji tse di ntšha.
Go fatlhosa tbelelo gape ya ditheo ka fa gare ga baagi ba patlisiso ya temothuo fa go leng maleba.
Go isa ditheo tsa patlisiso ya temothuo kwa phitlhelelong ya metswedi ya ditšhelete.
Go tlamela tshegetso ya dikamano tsa konteraka magareng ga ditheo tsa patlisiso ya temothuo le kemedi ya mekgatlho ya madirelo, le dikarolwana tsa patlisiso ya temothuo tsa kgaolo le boditšhabatšhaba.
Tirisanommogo ya boditšhabatšhaba
Bogotlhe jwa lefatshe bo tlile le phetogo gotlhelele go ya ka go nna teng go go letileng ga tshedimosetso le thekenoloji, motsamao o o oketsegileng wa dithoto, ditirelo le batho go kgabaganya melelwane, khumo e e oketsegileng mme gape ka madimabe phatlha e e tsweletseng go gola magareng ga bahumi le bahumanegi.
Go itsege ga Aforika Borwa jaaka mmotlolo wa temokerasi go okeditse ka bogolo ditlhokego mo go yona tsa botsayakarolo jwa boditšhabatšhaba mo diforamo tse di farologaneng. Ditlhokego tse di gobaditse bokgoni jwa yona go dirisa ditšhono mo go utlwalang thata le go fitlhelela dikgwetlho tsa go nna motshameki wa lefatshe mo dipatlelong tsa boditšhabatšhaba di le dintsi. Kelo e e bonako ya phetogo mo taolelong ya temothuo, patlisiso, kgwebo le tikologo le matshwenyego a pabalesego ya dijo tsa selegae le kontinenete di gapeletsa mabaka a Aforika Borwa go sala e itlhomile kwa pele mo ditsweletsong tse di amang temothuo. Dikgatlhego tsa rona mo tirisanommogong ya boditšhabatšhaba di tlhomamisiwa ke ditlamego tsa sepolotiki, kgwebo, thekenikale le katiso tse di botlhokwa mo go tshegetseng Leano la Togamaano la lephata la temothuo.
Aforika Borwa e tsere karolo ya boeteledipele mo go tshegetseng maiteko a a tsamaelanang le tsweletso mo kgaolong le Aforika ka kakaretso. Dikao tsa botlhokwa ke Porotokolo ya Kgwebo ya SADC, Maiteko a Mašwa a Aforika le maemo a botlhokwa le selekane mo ditheong tsa ditlhopha di le mmalwa tse di isang kwa bokaong jwa tsweletso bo bo siameng jwa temothuo mo Aforika. Mmuso o lemogile tirisanommogo ya boditšhabatšhaba le tsweletso e e botsalano ya dipoelo tsa ditumalano tsa boditšhabatšhaba jaaka tse di tlang pele mo nakong ya magareng, mme e rulaganya gape gore e fitlhelele dikgwetlho ka maatla thata tse di tlhagisiwang ke ditlhokego tse di oketsegileng tsa dikemedi tsa boditšhabatšhaba mo USA, Yuropa le Botlhaba jo bo Kgakala.
Ditlhokego tsa thuso ya thekenikale tsa go godisa mo gae mo letlhakoreng la temothuo di tloga go tswa Maitekong a Aforika yo Moša, maiteko a SADC le go tswa dikopanong tsa matlhakore mabedi le dinaga tsa Aforika. Mmuso, ka tirisanommogo le bannaleseabe ba ba farologaneng, o tla etelela pele mo go tsweletseng letlhomeso la thuso ya bothekenikale le le lebeletseng kwa go tlhomeng lenaneo le le itlhomileng pele go tshegetsa kago ya bokgoni le tsweletso mo kgaolong le mo kontinenteng ya Aforika. Go fitlha fa, Mmuso o tla lebelela go dirisana mmogo le bagwebisani ba e seng ba Aforika.
Mo Aforika Borwa, Mmuso o tla akaretsa batshegetsi ba moseja go rulaganya lenaneo la peeletso go tshegetsa tsweletso ya temothuo go ya ka leano la togamaano. Fa patlisiso ya boditšhabatšhaba e isitse kwa dikumong tse di ša, go nna teng go gontsi ga tshedimosetso go tsositse matshwenyego a setšhaba se se tlhabologileng ka pabalesego ya dijo, ditiro tsa bodiri tse di siameng, jj. Go oketsa matshwenyego a modirisi ka pabalesego ya dijo mo dimmarakeng tsa boditšhaba tse di botlhokwa go baya dithomelo ntle tsa rona mo kotsing mme go tlhoka dikarabo tse di sedimositsweng le tse di itlhomileng pele le ditsereganyo go tswa Mmusong. Tlhotlheletso e e tswelelang le mekgatlho ya boditšhabatšhaba e e tlhomang boemo, sk. FAO Codex Almentarius, Tumalano ya boditšhabatšhaba ya Tshireletso ya Semela, Mokgatlho wa Boditšhabatšhaba wa Boitekanelo jwa Diphologolo (OIE) le ditumalano le metsamao e e ka amang temothuo jaaka e e amang tikologo, dithekenoloji tse di ša le thoto ya botlhale ke ditlamego kgolo tsa togamaano go Aforika Borwa mo ngwagakgolong e ntšha. Mmuso o itlamile go oketsa kamego ya ona le go tiisa bokgoni le metswedi go tlhotlheletsana le ditheo tse mo mokgweng o o rulaganeng mo dingwageng tse di latelang tse tharo.
Pabalesego le tshireletsego
Bosenyi jwa magaeng bo nnile dipalopalo tse di tshosang. Seno se tshosetsa tlhomamo ya magae, e kwa bofelong e tla thibelang peeletso mme kwa bofelong kgolo ya ikonomi mo mafelong a magae. Togamaano e e kopana e e boineelo e a tlhokega go lwantsha kelo e e kwa godimo ya ntwa, bosenyi, pelaelo ya loago le kgagamalo tse di fekeetsang mafelo a magae mo baaging ba ba amegileng. Go ya ka togamaano e e jalo merero ya botlhokwa e e latelang e tla amogela tlhokomelo ya kwa pele mo nakong e khutshwane le e e fa gare:
Kagego ya Foramo ya Bosetšhaba ya Kagiso le Tshireletsego go gogiwa maloko go tswa bannaleseabeng ba botlhokwa botlhe ba magae - go tlaleletsa maiteko a a leng teng go lwantsha ntwa ya magae, bosenyi, pelaelo ya loago le kgagamalo tse di fekeetsang mafelo a magae le go godisa maemo a a dirang a a siameng, dikamano tsa boagisani tse di siameng le boineelo bo bogolo ka fa gare ga baagi ba ba farologaneng.
Go dira mokgwa wa bosiamisi jwa bosenyi le tshegetso ya dikagego tsa mokgwa wa botlhokwa gore di bonwe le go itemogelwa jaaka legora kwa bosenying.
Bodiri jwa SAPS le SANDF mmogo le masole a nakwana le mapodisa a a katisitsweng mo go lekaneng a na le maitemogelo le badiri ba sesole sa tshireletso go oketsa bokgoni jwa sesole se go lwantsha ditiro tsa bosenyi mo nageng, segolo mo mafelong a magae.
Batho ba ba rileng le diresefe tsa ditšhelete go abelwa SAPS le SANDF go kgontsha sesole sa tshireletso go diragatsa taolelo ya bona go ya ka thibelo ya bosenyi le tiragatso ya leano la pabalesego ya magae. Matlole a a tla bewa ka botlhokwa mme a abiwa go dirisiwa mo botlhabanelong le ditiro go lwantsha ditlhaselo tsa dipolase le bosenyi jwa magaeng.
Botlhokwa jwa togamaano ya Komiti ya Bosetšhaba ya Go rulaganya tsa Botlhabanelo (NOCOC) Komiti ya go tla Pele, jaaka kagego e e rulaganyang batsayakarolo botlhe mo leanong la tshireletso ya magae, e tla maatlafadiwa ka metswedi e e tlhokegang ya batho le ditshelete go e kgontsha go diragatsa leano la tshireletso ya magae le go rulaganya ditiro magareng ga batsayakarolo le Mmuso.
Tiragatso ya togamaano ya lephata
Ponelopele ya lephata la temothuo le le kopaneng la tswelelopele e tlhoka bagwebisani go nna le maano a dikgato, ditshupetso tsa tiragatso tsa botlhokwa, boemo jwa kgoroso ya tirelo, mekgwa ya go tlhokomela le go sekaseka le dikgala tsa dinako gore go fitlhelelwe leano la togamaano le le tshwaraganeng. E tlhoka gape Mmuso go dira dilo ka tsela e e farologaneng - ka lebelo le le kwa godimo thata le bonako mmogo le bogwebisani le balemirui, kgwebotemothuo, Mekgatlho e e Seng ya Mmuso le mafapha a mangwe a mmuso.
Go a itshupa go tswa letlhomesong la togamaano le le tlhagisitsweng fano gore leano la kgato go oketsa botsayakarolo, bogaisani le seriti sa tikologo mo lephateng la temothuo go tlhoka matsapa a a kopanetsweng go tlhomamisa tse di latelang:
Thulaganyo e e siameng magareng ga dikarolwana tse di farologaneng tse di amegang mo tiragatsong, go tsenyelediwa ka fa gare le magareng ga setšhaba, poraefete le maphata a boikgethelo.
Tebiso kwa maikemisetsong magareng ga dikarolwana tsotlhe tse, go tlhomamisa gore botlhe ba lebile go fitlhelela ditshiamelo tsa botlhe, go na le fela ya dikgatlhego tsa dikarolo.
Kago ya bokgoni kwa maemong otlhe le mo ditekanyong tse dintsi, go tloga go ralala mefutafuta go tloga kitsong e e kwa pele ya saense go ya botsayakarolong bo bogolo mo tiragatsong ya porojeke kwa tlase kwa bathong.
Go rulaganya go go utlwalang ga tiragatso ya tirego go tlhomamisa gore diporojeke di a simololwa le go fediwa ka nako e e siameng, le go lebelela tirisanommogo magareng ga dikarolwana tse di farologaneng le diporojeke.
Tatelano e e siameng ya dikgato tsa tiragatso ka dikgato tsa tshegetso tse di tlhokegang (kago ya bokgoni, kago ya setheo, thulaganyo, jj).
Go tlhokomela tswelelopele go tlhomamisa tsamaiso e e siameng ya tirego ya tiragatso. Seno se tlhoka tlhokomelo e e kgethegileng kwa tlamelong ya tshedimosetso le kwa mekgweng ya tsamaiso ya tshedimosetso mmogo le go tlhoma mokgwa wa go tlhokomela le go sekaseka.
Leano la kgato ga le ka ke la tlhalosiwa kwa ntle ga botsayakarolo bo bo tletseng jwa bao ba ba neilweng maikarabelo a tiragatso ya teng. Togamaano e dira tlamelo ya porotokolo e e tshisintsweng ya bagwebisani ba baagi-setšhaba-poraefete mme e ikopela tiragatso e e kopanetsweng. Go fitlha fa, komiti ya leruri e e kopaneng e tla tlhomiwa magareng ga bannaleseabe ba ba amegang mo maitekong a a thulaganyo ya togamaano, e bong Lefapha la Temothuo, Agri SA le NAFU. Ditiro tse dikgolo tsa komiti e e tla nna go:
Tlhalosa ka botlalo maiteko otlhe a togamaano a a lemogilweng. Tseno di tla tsenyeletsa dikgato tsa tiro tse di totobetseng tse di akanngwang, temogo ya bao ba ikarabelelang tiragatso ya tsona, temogo ya dikarolwana tse dingwe tse di tlhokang go nna di amegile mo temogong ya metswedi e mengwe (ditšhelete le tse dingwe) le tlhaloso ya lenanetiro la tiragatso.
Tlhola kagego ya tsamaiso ka tiro ya go tshegetsa dikarolwana tse di rwesitsweng maikarabelo a tiragatso ya nngwe le nngwe ya mananeo a, karolwana e le mo setšhabeng, poraefeteng kana lephata la boikgethelo. Tshegetso e e tla nna ya boleng bo bo ka se tshwenyaneng le ditshiamelo tsa setheo se se ikarabelelang.
Go tlhola letlhomeso la go begela le le theetsweng mo leanong la go tlhokomela le go sekaseka mananeo le diporojeke tse di dirang togamaano. Komiti ya leruri e e kopaneng e tshwanetse go begela dipoelo tsa dikgato tse kwa bannaleseabeng bagolo mo theong e e tlhomameng.
MANANEO A A TLANG PELE
Jaaka kgato ya ntlha go suteletsa togamaano gaufi le tiragatso bagwebisani ba togamaano ba lemogile mananeo a a tlang pele a a latelang:
Tiragatso ya togamaano ya pabalasego le tshireletso go tlisa tlhomamo le go itshepa.
Taolelo e e tokafetseng le tiragatso ya dikgwebisano le lenaneo la bagakolodi.
Go itlhaganedisa lenaneo la kabo gape ya lefatshe ka lebaka la tsweletso ya temothuo (LRAD).
Go fetola mokgwa wa tsweletso ya temothuo ya thekenoloji le phetiso go ya mo go arabeleng papatso go feta.
Go tlhoma tsela ya tshedimosetso ya papatso e e fitlhelegang ka bophara (ditsela tsa tshedimosetso, bokgoni jwa tshekatsheko ya ikonomi mo porofenseng nngwe le nngwe)
Go tsweletsa le go diragatsa mokgwa wa tsamaiso e e kotsi o o nonofileng (mokgwa wa boitekanelo wa semela le phologolo, matlhotlhapelo a tlholego, ditshireletsego tsa kherediti).
Go tlhomamisa kgaisano e e siameng mo selegaeng le boditšhabatšhabeng.
Tiragatso ya pono e e amoganwang mo bodiring le phetogo ya lefatshe.
Tirego ya maatlafatso mo maphateng otlhe a lephata la dijo tsa temothuo. Mo tiregong e mananeo a bagakolodi a masisi mme a tla tlhomiwa ka bonako ka tshegetso e e tletseng ya mmuso.
Peeletso e e leng ntlhatebo go oketsa bogaisani (dithulaganyetso : metsi, motlakase, megala tlhaeletsano, seporo, lefaufau, tsela ditirelo tsa ditšhelete, katiso, tsa metšhine).
Go isa tlase ditshenyegelo tsa gotlhe tsa tlhagiso, go tsenyelediwa phokotso go ya pele mo makgethong le dituedisong mo diseeleng (mafura) le dilo tse dingwe.
DITIREGO
Komiti ya leruri e e kopaneng e tla ikarabelela kwa maemong a bosetšhaba mo go tlhokomeleng tswelelopele mme e tla okamela lenaneo la tiragatso. Ditlhopha tse di dirang kana ditlhopha tsa tiro di tla nna ketapele mo tiregong ya tiragatso mo diporofenseng mme di tla bega kwa komiting ya leruri e e kopaneng. Bagwebisani ba togamaano ba tshwanetse go tlhomamisa ka fao metswedi (batho le ditšhelete) go tswa mogwebisaning mongwe le mongwe a ineetseng le go tsamaisiwa mo tiregong ya go diragatsa mananeo a a farologaneng le ditogamaano.
Kgato ya ntlha le ya botlhokwa thata ke go tlhaeletsa togamaano e ka bophara jaaka go kgonega. Kakanyo ke gore tokomane e, e tshwanetse go buisiwa ka bophara le gore tshedimosetso mo lenaneong la tiragatso e tshwanetse go amoganwa ka gale le batsayakarolo botlhe. Tirego ya go tsamaisa togamaano ya lephata ka jalo e simolotse.
